Breaking News

Gare o dira ditlatlana ka mokgwa o mosha

18 Sep 2018

Mme Seipone Gare wa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe o itshetsa ka go loga ditlatlana ka go kopanya mokolone le sekhakha. 

Fa a buisana le BOPA mo potsolotsong bosheng, Mme Gare a re mo nakong eno fa o dira sengwe o tshwanetse go lebelela gore diphetogo ke dife le gore batho ba batla eng. 

Ke ka moo a kopanyang sekhakha le mokolwane go tla ka mekgabisa le metswako ya sesha. 

Mme Gare o loga ditlatlana, maseka, meseme le mekgabisa ya mo matlong.

A re o simolotse tiro e a sa le mmotlana.

A re ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, o kwataboloditse kitso ya go loga mo go mmaagwe go simolola ka 1974 a le dingwaga tse thataro. 

“Ke simolotse go loga ditlatlana le mekgabisa ke le dingwaga tse thataro. 

Mo nakong eo fa o le ngwana wa mosetsana o ne o tshwanelwa ke go thusa batsadi ba gago ka ditiro tsa lelwapa. 

Ke ka moo ke neng ka ela mme tlhoko fa a loga mme ka tsaya botsipa jo,” ga tlhalosa jalo Mme Seipone ka monyenyo. 

Mme Gare o tlhalosa fa mo bogompienong a bereka a tsentse marapo dinameng ka gore paka ya bajanala e simologile, ka jalo ba tshwanetse go mo fitlhela a feditse bontsi jwa dilwana tsa gagwe. 

A re le ntswa ngwaga ono palo ya bajanalana ene e le kwa tlase ka mabaka a sejana sa lefatshe, letseno ke le le nametsang ka a sa lale ka tlala. 

A re bajanala ba nna ba etela motse wa bone go tla go reka dilwana tsa bone, a tlatsa ka go re tse dingwe ba di romela kwa Maun le madirelo a a fitlhelwang koo. 

A re ba thusiwa thata ke bajanala ba ba fetelang kwa mafelong a tshwanang le boMababe le Khwai ka ba ralala motse wa bone, mme ba phamole dilwana di le mmalwa mo marekisetsong a bone. 

A re o baya dingwe tsa dilwana tsa gagwe kwa Shorobe Baskets ka ke gone kwa bontsi bo etelang teng. 

Le fa go ntse jalo, Mme Gare o tlhalositse fa a a ise a thusiwe ka lenaneo lepe la puso. 

O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka jaana e kgonne go mo tsenyetsa ngwana sekole le go tsenya phaletshe mo ntlong. 

Mme Gare a re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go bona matlhare a mokolwane. 

A re mo nakong eno ba tsaya bontsi jwa mokolwane kwa Shakawe. 

O boletse fa a tshwanelwa ke go dirisa dipoelo tse dingwe go reka didirisiwa, mme a re ka didirisiwa tse di bonwa kgakala, o felela a di reka boturu, selo se a reng ke poelo morago. 

Mme Gare a re ga a kgone go ya go itseela ditsompelo kwa nageng ka jaana go le kgakala mme a re fa puso e ka ba thusa ka go tsosolosa Shorobe Community Trust go ka nna botoka ka jaana ba ka ba thusa ka koloi go ya go bapala ditsompelo. 

“Ke ka rata go kopa batho ba Shorobe gore ba ikemele ka dinao ba dirise ditalente tsa bone gore ba itshetse, re mo nageng e e humileng, mme ke rona fela re ka ikhumisang ka go dirisa lehumo la naga” ga latlhela Mme Gare. 

A re o eletsa gore ba lephata la kabo ditsha ba mo abele setsha sa kgwebo, a tlhalosa fa a batla dithuso tsa madi tse di ka mo kgontshang go godisa kgwebo ya gagwe go nna le marekisetso a e leng a yone.

 O ne a wetsa ka go re o ka itumela fa a ka supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa Gaborone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oratile Mothibedi

Location : SHOROBE

Event : Potsolotso

Date : 18 Sep 2018