Breaking News

Ditshwene di tlhorontsha kwa Tswapong

17 Sep 2018

Banni ba Mosweu le Mokokwana kwa Tswapong Bokone ba lela selelo sa khuranyo ya meno tebang le ditshwene tse di tsweletseng ka go ba tlhorontsha.

Banni ba boletse matshwenyego fa ba buisana le BOPA bosheng.

Ba tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ba tlhorontshiwa ke ditshwene tse ba supang fa di fologa mo thabeng e e dikaganyeditseng metse ya bone mme di je dijalo tsa bone le leruo.

Ba tlhalositse fa ba itemogetse gore ditshwene tse di fologela mo motseng nako e go leng leuba ka ba re dingwaga dingwe di kgona gore di seka tsa bonala mme mono ngwaga ka go nnile le leuba di ba tlhakaladitse ka palo e e kwa godimo.

Banni ba boletse fa ditshwene tse di sa felela fela mo metseng mme di fitlha kwa masimong a Mabalane le a Setshweumane kwa ba supileng fa le gone di baka tshenyo e e seng kana ka sepe mo dijwalong tsa bone mme ba tswe fela ba itshophere.

Mme Omphile Ramabele wa kgotla ya Bokaa kwa Mosweu ke mongwe wa ba ba senyeditsweng ke ditshwene mono ngwaga.

O boletse fa e ne ya re mo kgweding e, tsa tsenelela marotse kwa tshimong ya gagwe kwa Mabalane mme ga sala go sena le fa ele sepe.

O boletse fa kwa Mosweu le gone di ne tsa tsenelela dikoko tsa di ja, a supa fa di bapala le mo ditlhareng tsa maungo tse a di lemileng.

Rre Thapelo Nkalolang le ene fela jalo o boletse fa ditshwene tse di sa ba robatse mo Mokokwana.

Rre Nkakolang o bolela fa a ne a bona thuso ya dipodi ka lenaneo la LIMID mono ngwaga mme ditshwene di setse di bolaile tse pedi.

A re tatlhegelo ya dipodi tseo ke poelo morago e e mo tshwentseng segolo bogolo.  

O ne a tlhalosa fa ditshwene di senya mo go tlhoafetseng mo motseng wa gaabo ka are bangwe ba setse ba tswetse masakana a dikoko ka go ne go sa tlhole gona le sepe.

Kgosi Goitsekgosi Balebetse wa Mokokwana le ene o ne a gatelela selelo sa banni ka go bolela fa ditshwene di sa ba robatse mo Mokokwana mme a utwalela selelo se le kwa Mosweu.

O boletse fa ditshwene di tshwenya thata diruiwa le dijalo mme a tlatsa ka gore le dintsa tota dia di golagatsa.

Kgosi Balebetse o boletse fa ba a tle ba ikuele mo go ba lephatla la diphologolo tsa naga ba a supileng fa ba tle ba tle go kampa mo lentsweng e le go di tshosa fela mme seemo se nne botoka.

O kopile banni gore ba seka ba ipona tsapa mme ba nne ba di tshose fela go fitlhelela ba bona tharabololo ya bothata jo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : MOSWEU

Event : Potsolotso

Date : 17 Sep 2018