Mokhanselara o lebogela dikago tsa ESP
17 Sep 2018
Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o lebogetse puso go tsibogela selelo sa banni ba Maunatlala, Mokokwana le Mosweu ka go aga matlo a borobalo a bana ba sekole le a barutabana.
Mme Lesole o buile jaana bosheng jaaka sekole se segolwane sa Maunatlala se ne se rolelwa dikago tse di sa tswang go wela tse di neng di agwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ke ba lephata la thuto go tswa kwa Gaborone ba ba neng ba tlhokometse kago eo.
Dikago tseo, tse di agilweng ka P40 million, di akaretsa matlo a borobalo a baithuti ba basimane ba le 152 le ba basetsana ba le 152, a batlhokomedi ba baithuti a le mabedi, a barutabana a le marataro, ntlo e e beelang le ya boapeelo, phaposi e go sidilelwang maikutlo mo go yone, matlo a borutelo a le mabedi le matlwana a boitiketso.
Ka jalo Mme Lesole a re dikago tseo, bogolo jang tsa borobalo jwa baithuti, di arabile selelo se se tswang bogologolo sa banni ba Maunatlala, Mokokwana, Mosweu le Seolwane, se ba neng ba lopa puso go di aga.
A re baithuti ba ba tswang kwa Mokokwana, Mosweu le Seolwane ba tsamaya sekgala se seleele go ya kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala, ka jalo dikago tse di raya gore baithuti ba tlaa nna le nako ya go ithuta ka ba tlaa bo ba nna mo sekoleng.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, yo o itebagantseng le tsa boitseanape jwa dikago, Rre Motshidisi Rakwadi o ne a tlhalosa fa a rolela mogokgo wa sekole seo dikago tseo ntswa go na le fale le fale fa go tshwanetseng go baakanngwa ke ba ba neng ba di aga.
A re paakanyo e e saletseng kwa morago eo ga se e e tshwenyang ka e le e nnye thata mme kompone eo e tlaa neelwa dituelo tsa yone tse di neng di setse fa e sena go baakanya.
Rre Shandulo Maphorisa, go tswa kwa lephateng la thuto a direla kwa Serowe, o ne a lebogela dikago tseo, a bolela fa ba tlaa fa pego e bagolwane ba sa bolong go e batla ya gore dikago tseo di fedile.
A re ba amogetse dikago tseo ka di wetse ntswa go setse fale le fale mme ba na le tsholofelo ya gore mo nakong ya malatsi a a supang go tlaa baakanngwa mo go setseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SELEKA
Event : Phuthego
Date : 17 Sep 2018



