Thuto e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo
17 Sep 2018
Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa Reuben Mpabanga Primary kwa Selebi Phikwe ba kopilwe go tswelela ka tirisanyo mmogo e ntle ya bone le barutabana gore sekole se tswelele ka go ntsha maduo a a kgatlhisang.
Seo se builwe ke Professor Goitseone Malumbela go tswa kwa Botswana International University of Science and Technology (BIUST) yo e neng e le molalediwa wa tlotla kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng seo.
Professor Malumbela o supile fa ditso tsa sekole sa Reuben Mpabanga di supa fa se ntse se dira sentle ka go ntsha maduo a a kgatlhisang fa e sale se butse dikgoro ka 1995.
O ne a supa fa batsadi ba na le seabe se setona mo go direng sentle ga bana ka go bopa ngwana go simologa kwa malwapeng.
O tlhalositse fa boitshwaro jwa motho e le jone jo bo tlhalosang se a yang go nna sone fa a godile, mme a rotloetsa batsadi go nna gaufi thata le bana ba bone go ba dira se ba eletsang gore ba nne sone mo botshelong.
Professor Malumbela o ne a lebogela seabe sa bana le botlhe jaaka makalana a a ikemetseng le beng ba dikgwebo go tsenya letsogo mo go tsoseng serodumo sa thuto mo Botswana.
Mogokgo Georginah Sethore o supile fa tshwaragano ya barutabana, batsadi, bana le seabe le khansele ya toropo ya Selebi Phikwe e le e e tlhatswang pelo ka ba dira go le gontsi gore thuto ya bana e seka ya reketla.
Mme Sethore o ne a supa gore le fa toropo e lebanwe ke dikgwetlho tsa itsholelo e e reketlang, seo ga se kgobe batsadi marapo.
O ne a supa fa sekole sa gagwe se na le baithuti ba le 521 le mantwana a borutelo a bana ba ba kwa tlase ka dingwaga a le mararo.
O ne a supa fa se dirile bontle thata mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ka 2017 ka ba ne ba tswa ka 98.5 mo lekgolong.
Selo se se ne sa ba baya mo maemong a ntlha mo dikoleng di le lesome le bongwe tsa Selebi Phikwe.
Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima Rre Dithapelo Keorapetse o ne a kgothatsa bana ba ba neng ba amogela dimpho go dira ka thata ka se ba se dirileng e le tshimologo ya thuto.
O ne a ba tsibosa fa ba tlaa kopana le dikgwetho jaaka koketsego ya dithuto mme seo se sa tshwanela go ba kgoba marapo.
Sekole sa Reuben Mpabanga se ne se amogela seetsele se se amoganwang go tswa kwa sekoleng sa Joseph Anderson se e neng e le sone se se neng se gaisitse ka 2016. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego
Date : 17 Sep 2018



