Mogolwane o rotloetsa batho go ikwadisetsa ditlhopho
17 Sep 2018
Mogolwane mo ofising ya lekgotla le le tsamaisang ditlhopho (IEC) mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Kefilwe Marule o rotloeditse banni ba Lephepe kwa Kweneng go ititaya ka thupana go ikwadisetsa ditlhopho nako e santse e le teng.
Mme Marule o tlhaloseditse banni mo phuthegong ya kgotla bosheng fa go ikwadisetsa ditlhopho e le go tlhagolela tsela ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga o o tlang, mme a supa fa go tlaa bo go letlelelwa batho ba ba ikwadisitseng go ka tlhopha.
Go ikwadisetsa ditlhopho mo go simolotseng kgwedi eno ya Lwetse a tlhola ga raro, go wela Ngwanatsele a le lesome le bongwe.
O ne a tlhalosetsa banni fa go ikwadisetsa ditlhopho Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo.
O ne a supa fa go nonofa ga puso ya batho ka batho go ka rotloediwa ke go tsenya letsogo ga Batswana botlhe mo mererong le dikgang tse di amang ditlhopho.
O supile fa Batswana ba le lesego go na le mafatshe a mangwe ka gangwe le gape mafatshe mangwe banni ba one ga ba itse ditlhopho, kana di nna mme e se tse di gololesegileng di tletse tsietso.
A re go tlhoka go ikwadisa go rontsha monni sebaka sa go tlhopha le go dira phethogo e a e eletsang.
O ne a kgothatsa banni ka botlhokwa kwa go tsaya dikgang tsa ditlhopho ka tlhoafalo.
Mme Marule o tsibosediitse banni gore fa ikwadiso e tsweletse ba lebelele gore ga ba tlole melelwane, a supa fa motlhophi a letlelelwa go ikwadisetsa kwa lefelong la gagwe la konokono kgotsa kwa a nnang teng ka sebaka seo.
O ne a tlhalosa fa molao wa ditlhopho o letlelela motho go ikwadisetsa kwa a berekelang teng, kwa motho a tlholegang teng, kwa masimong kgotsa kwa morakeng a gatelela gore fa motho a nang le kamano ya bonno teng o a letlelesega go ikwadisetsa teng.
O ne a kaya fa tlhopho e tshwanetse go berekela motlhophi, a supa fa go le gantsi Batswana ba na le mokgwa wa gore ba tlodisa bontlhopheng melatswana ka go ikwadisetsa kwa mafelong a ba sa tlholegeng teng.
Mme Marule o ne a kgalemelela go inaakanya le dikgang tsa go nna jalo ka di ka ba tsenya mo mathateng ba bo ba ntshiwa mo maineng a batlhophi fa go weditswe ikwadiso.
O supile fa go ikwadisetsa kwa motho a sa nneng teng kana a se na kamano epe ya bonno e le go leswafatsa tsamaiso ya ikwadisetso ditlhopho.
O supile fa lefatshe leno le ipela ka go tsamaisa ditlhopho tse di gololesegileng di sena tsietso, a kaya fa motho a ipona a ya go ikwadisa kwa a sa tshwanelang go ikwadisetsa teng e le tsietso, a supa fa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le na le maikaelelo a go tsamaisa ditlhopho tse di senang tsietso.
O ne a ba tlhalosetsa fa mafelo a ikwadisetso ditlhopho a bula fa gare ga beke go simolola ka nako ya boferabobedi phakela go fitlhela ka nako ya borataro maitseboa fa ka mafelo a beke mafelo a ikwadisetso ditlhopho a bula nako ya boferabongwe mo mosong go fitlha ka nako ya bone motshegare le ka malatsi a boitapoloso.
Mme Marule o ne gape a tlhalosa fa e ne ya re ka 2016 ga dirwa melao e mesha ya go tsamaisa ditlhopho mme a tlhalosa fa melao e e neng e akantswe e seegetswe fa thoko.
O ne a rotloetsa batlhophi go ya go ikwadisa ka ikwadiso e santse e tsweletse.
Fa ba akgela, banni ba botsa gore fa motho a santse a emetse Omang go ntshafadiwa a go a kgonagala gore a ikwadise ka yo mogologolo.
Mongwe wa banni Mme Botsang Ntwampe ene o ne a botsa gore maina a ba ikwadisitseng ditlhopho a a go tswa morago ga lebaka le le kae fa ba sena go ikwadisa.
E rile a ba kgwa dikgaba mogolwane go tswa kwa ofising ya IEC a tlhalosa fa ditlhopho di tsamaisiwa ka molao a supa fa go papametse gore motho o ikwadisa ka Omang yo o mo tirisong.
O ne a gakolola banni gore fa go diega gore bo Omang ba tswe ba ka ikgolaganya le ofisi ya ga moladi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : LEPHEPE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 17 Sep 2018



