Breaking News

Majalwa a a sa letlelelweng a tsentse letsogo kwa Moreomabele

17 Sep 2018

Kgosi Kgololo Motshwaedi wa Moreomabele a re o tshwentswe ke banana ba motse oo ba ba inaakantseng le go nwa majalwa a a sa letlelelweng phetelela.

Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Motshwaedi a re go tlhotlhwa ga majalwa a a sa letlelelweng e setse e le selo modiro mo motseng wa gagwe a supa fa bangwe banana ba itontela majalwa ao.

A re se se ngomolang pelo ke go bo banana bao ba na le kitso e e tletseng ka ditlamorago tsa majalwa a a sa letlelelweng mme e bile ba ba tlhotlhang majalwa ao le bone ba itse fa ba tlola molao.

O kaile fa bangwe banana ba setse ba kgautlhane mebele ka ntata ya majalwa ao mme e bile botsogo jwa bone e se jo bo eletsegang.

“Le rona tota ga re itse gore metswako e e dirisitsweng go dira majalwa ao ke efe. Banwi ba majalwa ao ba tsofala letsatsi le letsatsi seo se supa fa majalwa a teng a le bogale mme ebile a sa siamela botsogo jwa motho,” a bua jalo.

Kgosi Motshwaedi a re gangwe le gape o amogela dipego tsa dititeo di tswa kwa dipotong tsa majalwa ao a supa fa bontsi jwa nako makawana ba tsenya seatla bakapelo ba bone.

E re ka go twe kgomo ga e imelwe ke dinaka e le tsa yone, Kgosi Motshwaedi a re fa a amogela dipego tsa dititeo ka ntata ya majalwa a a sa letlelelweng mo kgotleng ya gagwe, moretlwa o a lela, a kaya fa a itomile molomo wa tlase gore o tlaa kgalema go fitlhela a reediwa.

A re ka thuso ya ba sepodisi, nako dingwe ba tsamaya mo motseng go gapa le go lebisa molato ba ba inaakantseng le go tlhotlha majalwa a a sa letlelelweng mme ebile a supa fa go na le bongwe bojalwa jo bo sa letlelelweng jo bo tlwaelesegileng ka leina la ‘motangama’.

Kgosi Motshwaedi a re bokamoso jwa banana ba ba innakantseng le nnotagi e tlaa nna diphirimisi ka jaana ba ithetse moriti o tsididi go ikemela ka dinao go fetola matshelo a bone.

“Ba nwa one majalwa a masesanyane mme gore madi a go reka ba a tsaya kae ga o kake wa itse ka gore bontsi jwa bone ga ba bereke,” a bua jalo.

A re se se tshwenyang ke gore banana ba goga dinao go dirisa mananeo a puso go itlhamela ditiro, a supa fa ba batla go bereka Ipelegeng fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : MOREOMABELE

Event : Potsolotso

Date : 17 Sep 2018