Breaking News

Mandunyane o rapela kgatlhanong le HIVAIDS

17 Sep 2018

Banni ba Mandunyane ba simolotse go rapela kgatlhanong le bolwetse jwa segajaja jwa HIV/AIDS ga mmogo le pula kgwedi eno e rogwa.

Kgosi Joshua Joel wa Mandunyane o tlhalositse mo potsolosong le BOPA gore ba tsere kopo ya Tautona wa pele Rre Ketumile Masire ya gore go rapedisiwe bolwetse jwa AIDS ka tlhoafalo.

A re mo dingwageng tsa puso ya gagwe bolwetse bo ne bo fetsa batho ka tsela e e gakgamatsang.

Kgosi Joel a re mo Mandunyane ba ne ba fitlha batho ba ba neng ba tsenwe ke mogare mafelo a beke le fa gare ga beke tota.

Le fa go ntse jalo a re go rapela go dule mosola thata ka gompieno go sena diphitlho tse dintsi thata tse di bakwang ke bolwetse jwa AIDS.

A re o lemogile fa dithapelo di berekela motse wa gagwe.

Kgosi a re ba simolotse merapelo le baruti ba e tshwara mo dikgotlaneng tsa Mandunyane tse thataro.

O tlhalositse fa ba ne ba lemoga fa tshologelo ya banni e le kwa tlase mme ngwaga o ba ne ba tsaya kgato ya gore merapelo e direlwe mo kgotleng e tona ya motse.

Kgosi Joel a re o bona pharologanyo e tona fa e sale merapelo e simolola mo motseng wa gagwe.

O ne a tlhalosa gore merapelo ya ngwaga ono e simolodisitswe ke ba kereke ya Africa Gospel kgwedi eno e tlhola gangwe mme yare e le lesome le bongwe ya tseeletswa ke ba kereke ya Holy Trinity, ya re kgwedi e le lesome le boraro ba kereke ya UCCSA ba tshwara e mongwe merapelo.

A tlhalosa fa ka letsatsi la bolesome le borobabobedi ba kereke ya SDAR ba tlaa tshwara o mongwe mme ba boelele gape fa kgwedi e le masome mabedi le botlhano.

A re kgwedi eno e le masome mabedi le bongwe e tlaa tshwarwa ke ba kereke ya Joma, mme e re e le masome mabedi le bosupa e tshwarwe ke ba SDA, la bofelo e tshwarwe ke ba Africa Gospel gape e tswala merapelo.

Merapelo e simolola ka nako ya bosupa mo mosong mme e fele morago ga metsotso e le masome mararo.

Kgosi Joel a re maikaelelo a merapelo ke go kopa Modimo gore ba bongaka ba kgone go bona kalafi ya bolwetse jo, le ba ba lwalang ba kgone go sidilega mme ba sidilege le maikutlo.

O ne a tlhalosa gore malatsi a gompieno go supagala gore bolwetse bo a laolesega ka gore fela fa motho a sena go itlhatlhobela mogare mme a tshwarwa ka one o fiwa diritibatse gone foo go sa emelwe gore masole a mmele a wele tlase.

A re se ke maduo a thapelo le mautlwelobotlhoko a Morena.

O akgotse banni ba motse gore ba kgona go itlhatlhobela mogare wa HIV go sena letshogo le le tshwanang le la pele.

Kgosi Joel o ne a fa sekai ka gore fa makalana a botsogo a tsisa ditlamelo kwa bathong ba motse mo kgotleng gore ba itlhatlhobele mogare, nako tse dingwe go fela didirisiwa tsa go tlhatlhoba e le gore batho ba ile ba le bantsi mme ba sale fela ba le mo mmileng go sena didirisiwa.

O tlhalositse fa se e le maiteko a mantle mme a rotloetsa borre segolo bogolo go intsha kwa morago go itlhatlhobela mogare.

O kopile borre ba motse gore ba tsee malebela mo go ene ka gore ene o itlhatlhoba nako tsotlhe e bile o ntse a tswa mo go itlhatlhobeng mo kgweding yone e.

Le fa go ntse jalo, kgosi o tlhalositse gore ngwaga o o latelang ba tlaa akaretsa kgokgontsho ya bong e e apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Edith Sebati

Location : MANDUNYANE

Event : Potsolotso

Date : 17 Sep 2018