Badiri ba Matsaakgang ba aba ntlwana
17 Sep 2018
Bodiredi jwa sekole se sebotlana sa Matsaakgang kwa Kanye bo abetse ba lelwapa la ga Mme Dimakatso Maruping ntlwana ya boitiketso.
Fa a bua ka letsatsi la kabo ya ntlwana, mogokgo Rre Seetletso Moroka o tlhalositse fa ba bone go tshwanela go fetola botshelo jwa boora Maruping le go ba fa seriti ka go ba agela ntlwana ya boitiketso.
O tlhalositse fa babereki ba sekoloe se ba ne ba kopanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa go kokoanya madi, go ka dira tiro e.
Rre Moroka o kaile fa ba tlhotlheleditswe ke mowa wa bopelotlhomogi le lerato mo setshabeng go ka dira tiro e.
O kaile fa ba na le motlhala o o nonofileng wa go aba mme maikaelelo a bone ke go tswelela ba tsenya letsogo go supa bopelotlhomogi.
A re o lebogela tirisanyo mmogo e mo gareng ga bodiredi jwa sekole sa gagwe, lerato le seabe sa bone mo tirong e, a ba kopa go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Fa a tswa la gagwe, morutabana wa bokaedi le bogakolodi, Mme Naomi Sebitla o tlhalositse fa sekolo sa Matsaakgang se na le dingwaga di le mmalwa se inaakantse le go fetola matshelo a batho mo sechabeng ka go aba.
O tlhalositse fa ba ikamantse thata le ba komiti ya ditlhabolo ya Dilolwe ga mmogo le ba ofisi ya boipelego, ka go ba thusa le go ba lemotsha ka batho b aba amiweng ke letlhokon mo sechabeng.
A re ba ne ba lemoga matlhoki a le mmalwanyana jaaka la pompo ya metsi mme bone ba ne ba ithaopela go itebaganya le letlhoko la ntlwana ya boitiketso.
O kaile fa kago ya ntlwana e e tsamaile ka thelelo ntle le makgwere ape ka ba ne ba thusiwa ke ba kereke ya The Church of Jesus Christ ka go tsenya diatla.
A re o akgola bodiredi jwa sekole go bo ba file boora Maruping seriti, a tlhalosa fa ba ikaelela go tswelela ba fetola matshelo a batho ba ba mo tikologong ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Galaletsang Letshoo
Location : KANYE
Event : Kabo ya Ntlwana
Date : 17 Sep 2018



