Breaking News

Komiti ya tshenyetso setshaba e lekola banni ba Letlhakeng

17 Sep 2018

Ba komiti ya tshenyetso setshaba ya lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, ba ne ba etetse banni ba Letlhakeng go lekodisana ka dikgang tsa tshenyetso setshaba mo lekgotleng leo.

E rile a ba lekodisa ka se ba se tletseng mothusa modulasetilo wa lekgotla leo Rre Kealeboga Mokgosi, a supa fa ba leka go ba kaela gore ba dira eng go leka go fema tshenyetso setshaba.

Rre Mokgosi o supile fa maikaelelo a magolo a puso e le go lwantsha tshenyetso setshaba ka mefuta yotlhe, a supa fa komiti ya lekgotla leo e diretswe go lwantsha tshenyetso setshaba mo lekgotleng la kabo ditsha la kgaolo ya Kweneng.

Modulasetilo wa lekgotla leo Rre Vincent Sekano, o ne a supa fa ba lebelela gore a ga gona diphatlha tse di ka dirang gore bangwe ba gopele lefatshe.

Rre Sekano o supile fa ditlhabololo di tla ka batho ba ba ipopang ditlhopha mme maikaelelo a bone e le go senya, bangwe ba gweba ka lefatshe, bangwe ba utswa dikitso tsa batho ba ba mo moleng wa go bewa ditsha le maina a badiri ba kabo ditsha go a dirisa go ba tsietsa ka lefatshe fa bangwe bone ba ntsha dimpho e le tsela nngwe ya go reka go fiwa lefatshe ka tsela e e sa tlhamalalang.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya DCEC Mme Oratile Monamo o ne a supa fa tshenyetso setshaba e le fa motho a dirisa maemo a gagwe botlhaswa, go ikgatholosa se molao o se buang le go fiwa sengwe gore o seka wa dira tiro ya gago ka fa go tshwanetseng.

Mme Monamo o boletse fa ditirelo tsa puso di sa rekisiwe, a bo a supa fa modirela puso a lebogiwa ka molomo eseng sepe gape.

O tlhalositse fa dikai tse dingwe tsa tshenyetso setshaba e le go thapa ka lesika, le go ntsha ditirelo tsa theko ka ditsela tse di sokameng .

O boletse fa ditlamorago tsa tshenyetso setshaba di le botlhabetsi mo lefatsheng leno, motho yo a amegang mo tshenyetsong setshaba a latlhegelwa ke seriti, e diya ditlhabololo ebile ditlamelo di sa goroge sentle kwa batswaneng.

Mme Monamo o boletse fa go tlhagisa ka tshenyetso setshaba go ka dirwa ke motho ka mogala a sa ipolele leina kana a le bolela, mme a supa dikgang tsa batho ba ba ipolelang maina di atlega ka jaana batho ba ba di boletseng ba kgona go thusa fa kitso e tlhaelang.

E rile ba tswa la bone, banni ba supa tshenyetso setshaba e le ntsi mo lefatsheng leno mme e kaiwa e le kwa tlase fela ka gore batho ba lefatshe le ba palo potlana.

Ba supile gape fa go baya batho ditsha ba tlhatlaganngwa e le sesupo sa gore sengwe se a diragala mme tse tsotlhe di elwe tlhoko.

Rre Otsile Senoge o ne a supa fa sesupo sa gore tshenyetso setshaba e teng e le gore ene o tlhokafaletswe ke barwarraagwe botlhe le batsadi, mme fa a leka go fetolela masimo a batsadi mo maineng a gagwe, o bilediwa batho ba a sa ba itseng.

Ba tlhalositse gape fa ba diegelwa go bewa masimo, selo se se setseng se bile se ba tlhobaetsa.

Bangwe ba ne ba supa fa ba bewa didiba di sa katolosiwa sebaka sa dikhilomithara tse di robang bobedi, selo se ba reng se baka kgothego ya lefatshe.

Fa a ba araba Mme Barona Lerotsi o ne a supa fa dikopo tsa masimo tsa kgaolo potlana ya Letlhakeng di le dintsi thata, a supa fa e rile ba di bulela ngogola Batswana ba di kopa ka mmetela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 17 Sep 2018