Ntsa e tlhoka tlhokomelo
17 Sep 2018
Rre Christopher Kenalekgosi yo o tlholegang kwa Molepolole a re ntsa fela jaaka leruo lengwe le lengwe e tlhokana le tlhokomelo e e kwa godimo ka jaana motho a ka itshetsa ka yone.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Kenalekgosi yo o dingwaga di masome mabedi le boferabobedi wa kgwebo ya dintsa e e bidiwang Portal Serve, a re e itebagantse le go hekisa dintsa, go rekisa dijo tsa tsone le didirisiwa tse dingwe.
O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ya go rua dintsa tsa sekgowa ka 2016.
Kgwebo e, e kwa masimong a Chaokeng mo kgaolong ya Gakgatla.
O kaile fa a tswa kgakala a rata ntsa, a bolela fa a simolotse ka e le nngwe mme e rile 2016 a ya bokhutlong a bo a na le dintsa tse pedi tsa mofuta wa German Shephard le Boer Boel.
A re o ne a tsaya malebela a thuo ya dintsa mo moruing mongwe wa dintsa e bong Rre Tshiamo Maboch wa famo ya Xharoo.
A re go tseneng mo kgwebong ya dintsa, maikaelelo a gagwe ke go ruta le go lemotsha setshaba ka tlhokomelo ya ntsa ka jaana a itemogetse fa batho ba santse ba sa itse botlhokwa jwa ntsa, a tlatsa ka gore o batla go tsibosa sechaba gore ntsa ke tsala ya motho mme e bile ba ka e dirisa go gweba ka yone ka e le dipoelo di gaufi.
Rre Kenalekgosi o tlhalosa gore ntsa e tshwanetse ya agelwa fa e nnang teng, a re go botlhokwa gore go nne go le phepa ka nako tsotlhe, a re go tshwanetse go nna le fa ntsa e belegelang teng.
Rre Kenalekgosi o bile a re go botlhokwa gore setshaba se itse fa ntsa e tshwanetse go apeelwa dijo tse di siameng tse di nang le dikotla, a tlatsa ka gore didirisiwa tse di jelang mo go tsone di tshwanetse tsa tlhatswiwa.
A re fela jaaka motho ntsa e tshwanetse ya nna e isiwa bongakeng fa e sa tsoga sentle, ka jaana le tsone di tshabelelwa ke malwetsi mme e bile e batla bongaka jo bo lolameng.
O boletse fa thuo ya dintsa e le bonolo ka jaana di tlhokana le lefelo le le lekanetseng ka di nna golo go le gongwe mme e bile di laolesega.
A re ene mo nakong eno o ruile mefuta e mebedi ya dintsa ya Rottweiler le Boer boel tse gantsi di dirisiwang ke dikompone tsa badisa dikago.
Rre Kenalekgosi o tlhalosa fa ntsanyana ya Rottweiler a e rekisa dikete di le nne tsa dipula e le dikgwedi tse pedi fa ya boer boel a e rekisa dikete tse tlhano le makgolo a matlhano a dipula le yone e le dikgwedi tse pedi.
O supile fa kgwebo ya gagwe e dira sentle ka jaana batho ba tsweletse ka go reka dintsa tsa gagwe, a tlatsa ka gore o setse a rekisetsa le kwa mafatsheng a mangwe jaaka Zambia.
O gwetlhile ba ba batlang go ka tsena mo kgwebong ya thuo ya dintsa go nna pelo telele ga mmogo le lorato, a re go botlhokwa go nna le kitso ka se ba batlang go se dira ka jaana go sena sepe se se tlang motlhofo mo botshelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : GAKGATLA
Event : Potsolotso
Date : 17 Sep 2018



