Beng ba diterekere ba ithuta ka didirisiwa
16 Sep 2018
Beng ba diterekere le bakgweetsi ba tsone ba ne ba phuthaganetse kwa Monwane go ya go ithuta ka go dirisa megoma e e farolaganyeng le go lema mo go siameng mo go ka ntshang dijo tse di lekaneng.
E rile a amogela baeng kwa motseng, moemela-kgosi Rre Taumanthe Rabotsi, a supa fa a itumelela gore beng ba diterekere ba tsile tirong eo ka bontsi, a supa fa ba tlaa ithuta sengwe se sesha.
Modiri wa lephata la tsa dijwalo kwa ofising ya Letlhakeng, Mme Evelyn Ramontshonyana, o ne a supa fa maikaelelo a tiro e, e le gore beng ba diterekere ba ithute go lekanyetsa didirisiwa tsa temo ka go farologana fa ba lema, gore kwa bofelong go nne le maduo.
Mme Ramontshonyana o tlhalositse fa balemi ba tshwanetse go itse gore ba ka lema peo e e kae mo diekereng tse kae.
O tlhalosistse fa gape ba batla go tila seemo se balemi bangwe ba nang le go gana go saenela beng ba diterekere ba bolela fa ba sa lemelwa sentle.
O tlhalositse fa bokopano joo gape bo tlaa thusa boraditerekere gore ba seka ba thapa bakgweetsi ba basha ngwaga le ngwaga.
Molemisi yo o itebagantseng le didirisiwa tsa temo go tswa kwa ofising ya Molepolole, Rre Alpha Modukanele o ne a supa fa boraditerekere ba Monwane, ba supile fa ba tlhoka ithutuntsho ya go dirisa didirisiwa tsa temo, ke ka moo ba neng ba ba rulaganyetsa go tla go rutuntshiwa ke barekisi ba didirisiwa tseo ba lebentlele la Haskins.
Mogolwane go tswa kwa kgwebong ya Haskins, Rre John Kabelo, o ne a supa fa ba itsaya tsia kwa lebentleleng leo, ke ka moo pele ga ba rekisetsa balemi didirisiwa tsa temo, ba neng ba ya kwa Brazil go ya go ithutuntsha ka tsone.
Rre Kabelo o boletse fa jaanong ba kgaogana kitso e le balemi gore ba fedise kgotlhang e e fa gare ga balemi le boraditerekere.
O supile fa ba batla go bona lefatshe leno le intshetsa dijo tse di lekaneng, mme melelwane e tswetswe gore go seka ga rekwa dijo kwa ntle.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa Haskins, Rre David Santereau a supa fa go le botlhokwa gore pele ga mong wa terekere a tsaya tshwetso ya go lema, a bo a netefaditse gore tshukudu ya gagwe ya temo e tsogile sentle.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore fa mong wa terekere a sena go fetsa go e dirisa, a e beye fa lefelong le le lekanetseng, e seng mo mokgokoloseng jaaka Batswana bangwe ba tlwaetse go dira.
O tlhalositse gore fa e sena go fetsa go dirisiwa tsatsi le letsatsi, e tladiwe disele go kganela gore e e setseng mo teng e fufule.
O tlhalositse fa go tlhokega gore fa molemi a gokela megoma, a netefatse gore o gagamatsa mmuru mongwe le mongwe gore e seka ya fasologa ka jaana a berekela mo makgwakgweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : MONWANE
Event : Phuthego
Date : 16 Sep 2018



