Keitseng o rotloetsa tiriso ya lenaneo
16 Sep 2018
E re jaaka letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno le santse le tsweletse ka go tshwenya, puso e tsweletse ka go tla ka mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma gore Batswana ka bontsi ba a dirise go tlhabolola matshelo a bone.
Mo nakong eno, Batswana ka bontsi ba setse ba akola maduo a lenaneo la nyeletso huma lefatshe ka bophara.
Le fa go ntse jalo, bangwe bone ba bo ba sa tlhokomele le go tsaya dikgwebo tsa lenaneo leo ka tlhoafalo tse di felelang di phutlhama.
Mongwe wa ba ba thusitseng ka lenaneo leo Mme Seosotleng Keitseng yo o dingwaga tse di masome a supa le bone wa kgotla ya Ratotoboro kwa Molepolole o ne a kgothatsa botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go le dirisa le gone go le tlhokomela gore le tle le kgone go ba tswela mosola.
E rile fa bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Keitseng yo o thusitsweng ka dikoko tsa mae di le masome a matlhano, a tlhalosa fa lenaneo la nyeletso lehuma le le botlhokwa ka jaana le ntsha bontsi jwa Batswana mo lehumeng.
A re go lebega fa Batswana ka bontsi ba sena tlhokomelo e e tseneletseng mo lenaneong leo.
A re o leboga puso ka lenaeno, a supa fa le tlodisitse batho ba le bantsi dinoka ka jaana le thusa batho fa ba tlhaelang teng.
A re go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe yo o sa berekeng a inaakanye le mananeo a puso go fetola botshelo jwa gagwe.
Mme Keitseng o tlhalosa gore kgwebo ya gagwe ga e ise e dire sentle jaaka a batla ka jaana a thusitswe ka lenaneo leo ngwaga ono o simolola.
A re mo nakong eno o santse a sena mmaraka sentle.
E re ka jaana puso e rotloetsa gore botlhe ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma, e nne bone ba ba fiwang sebaka pele sa go ipapatsa, mme Keitseng o ne a supa fa a ne a ikwadisa mo dikoleng tse dipotlana mo kgaolong ya gagwe jaaka e le tsela nngwe ya puso ya go batlela ba ba thusitsweng ka leananeo mmaraka.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa gore fa e sale a thusiwa ka lenaeno leo, ga a sa tlhole a sokola ka dilo tse di dingwe jaaka go ithekela motlakase molapeng le gase e e apayang.
O ne a tlatsa ka go re o solofela fa kgwebo ya gagwe a tlaa ntsha maduo a a nametsang fa e ntse e tsweletse.
O bile a gatelela gore go fitlha mo nakong eno ga a ise a kopane le dikgwetlho dipe, a supa fa a sa sokole ka melemo le dijo tsa dikoko le ntswa a ne a swelwa ke dikoko di le lesome le bobedi ka ntlha ya bolwetse.
O kaya fa jaanong a setse ka di le masome a mararo le boferabobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 16 Sep 2018



