Breaking News

Ngwana yo o sa tlhokomelesegeng o kgoreletsega mo dithutong

16 Sep 2018

Mothusa moeteledipele wa komiti e e okametseng dikomiti tsa batsadi le barutabana (PTA), tsa kgaolo ya  Bokone Botlhaba, Rre Comfort Marcelino a re go tlhoka go tlhokomela bana go ka kgoreletsa le go digela maduo a bana kwa tlase.

Fa a bua le BOPA bosheng, Rre Marcelino a tlhalosa fa go na le batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana e bile ba sena seabe sepe mo dithutong tsa bone.

A re bangwe batsadi ba feletse ba isiwa fa pele ga lekgotla la Setswana ke dingwe di PTA ka ntlha ya go palelwa ke go duelela bana madi a ba a dumalaneng le ntswa e se a sepe.

O gateletse gore batsadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ka go nna ba etela sekole go itse gore bana ba bone ba dira jang, go balelwa le go tsaya maduo a bana ba sa romeletse.

A re bana ba ba sa apareng paka ya sekole e e feletseng ba itemoga fa ba le pharologanyo le ba bangwe, mme se se ka ba utlwisa botlhoko mme se ame maduo a bone.

Godimo ga moo, Rre Marcelino a re bana ba tshwanetse go nna ba le phepa ka nako tsotlhe mme e bile batsadi ba netefatsa fa ba tla sekoleng ba jele e bile ba itekanetse gore ba seka ba  kgoreletsega mo dithutong.

O kgadile gape batsadi ba ba fang bana madi ba ya sekoleng, a kaya se se ka baka gore ngwana a nne dinalanyana le go dira gore nako e go senang madi  a bo a gana go ya sekoleng.

A re go botlhokwa gore batsadi ba itsese barutabana ka malwetse a bana, le melemo e ba e nwang gore barutabana ba kgone go nna le seabe mo go thuseng gore botsogo jwa ngwana bo nne bo siame.

A re dilo di tshwana le dintwa, matlhapa le dikomano ga di a tshwanela go dirwa fa pele ga bana kwa malwapeng, ka se se ka ama maikutlo a bone, mo go ka felelang go dira gore ba seka ba ithuta sentle.

Godimo ga moo, Rre Marcelino o gateletse fa go le botlhokwa gore batsadi ba tlhaloganye bana ba bone botoka le go itse gore ba kae, ba tshameka kgotsa ba tsalana le bana ba fe, ka gore bana ba kgona go raelwa ke ba bangwe go dira tse di duleng mo tseleng.

A re komiti ya bone e itemogetse gore nako dingwe bana ba kgona go timela ba tswa dikoleng mo ba felelang ba batlwa le ke mapodisi, a gatelela fa go le botlhokwa gore batsadi ba ise bana ba bone, bogolo jang ba ba saleng babotlana kwa sekoleng le go ba tsaya sekole se tswa.

A re fa batsadi ba sa rotloetse bana go ithuta kwa malwapeng, bana ba ka retelelwa ke go dira sentle kwa dikoleng.

O ne gape a re go botlhokwa gore batsadi le PTA ba tswe ka methale ya go itirela madi go tlhabolola sekole, le go ipaakanyetsa meletlo ya kabo dimpho, go ikagela maobo a baithuti ba iketlang mo go one, go reka didirisiwa jaaka dipheelo  jalojalo, e seng gore ba bee fela mo pusong.

O ne a bolela fa komiti kgolo e tlaa tswelela e etela dikomiti tsa PTA mo kgaolong go netefatsa gore go na le tirisanyo mmogo fa gare ga di PTA,  batsadi le barutabana, le go tsena diphuthego tsa bone go nete. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 16 Sep 2018