Breaking News

Ba Tamasane ba itumelela terata ya masimo

16 Sep 2018

Batho ba Tamasane ba lebogetse masimo a a ageletsweng ka tereta ka maikaelelo a go a sireletsa mo leruong.

Fa a bua kwa pulong semmuso ya terata eo, mogolwane wa lephata dijalo, Rre Thomas Mogowe o ba rotloeditse go tlhokomela terata eo go itsa kgotlhang magareng ga balemi le barui.

O boletse fa balemi ba tshwanetse go nna le maikemisetso mo temong gore ba tle ba ntshe thobo e e nametsang.

O boletse fa lefatshe leno le tshwanetse go ikaega ka temo gore le kgone go jesa Batswana le go dira letseno ka go rekisa dijo tse dingwe kwa mafatsheng a mangwe.

Rre Mogowe o ne a bolela fa terata ya masimo ao e le dikhilomithara tse di masome mararo kwa ntle mme mo teng e le dimmorogo di le 5 737 mo e lopileng P3 million gore e wele.

O ne a bolela fa e le tshwanelo ya balemi ba Tamasane gore ba a dirise ka kelelelo gore a kgone a dirisiwa mo isagong.

“Balemi ba tshwanetse go kopana go nna moono mongwe go bona gore ba tlhabolola masimo a bone le go tsaya temo ka tlhoafalo. Gore re kgone re tswelele mo go tsa temo ke fa re tshwaragane re neelana maele le botsipa jo re nang le jone go e fetola gore e tle e re tshetse,” ga bua Rre Mogowe.

O rotloeditse balemi go ititaya sehuba ka go tlhabolola le go tlhokomela masimo a bone go oketsa dijo le go rekisa kwa mafatsheng a sele.

O ba kgothaditse gore ba seka ba itsapa go kwatabolola kwa baleming ba mafelo a mangwe go bona ka fa ba dirang ka teng go ntsha maduo a a nametsang le go dirisa methale e e farolologaneng ya temo jaaka go lema ka ditselana go na le go gasa.

Rre Mogowe o ne a kopa ba ba sa diriseng masimo go adima ba ba a tlhokang go a sola molemo go na le gore a nne fela go sena thobo e e tswang mo go one.

O ne a ba kopa gape go dirisana le balemisi ba motse le bogogi go bona gore masimo a nna mo seemong se se siameng ka dinako tsotlhe, le go dirisa dipeo le menontshane e ba tlaa e fiwang ke puso gore ba tle ba e dirise.

Modulasetilo wa terata ya masimo, Rre Mbati Mmusi o ne a tlhalosa fa kagelelo ya masimo e ne e dirwa ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD ka go thapiwa ga batho ba Ipelegeng.

O ne a bolela fa go agelela masimo go ba tsere lobaka lwa dingwaga tse tharo go fela ka ba nnile le dikgwetlho tsa tlhaelo ya didirisiwa le bonya jwa baagi bangwe.

O ne a bolela fa ba itumeletse se ba se diretsweng e bile tlala e tlaa nna selo sa maloba ka ba na le se ba tla ikisang maleng ka sone le go e intsha mo lehumeng.

Rre Mmusi o ne a kopa setshaba gore se seka sa dirisa masimo e le mafudiso a loruo ka jaanong a tlaa bo a sa tlhole a dirisediwa se se lebaneng.

O ne a kopa balemisi go ba fa dithuto tse di tsepameng go itse gore ba ka baakanya fa kae mo temong go ntsha thobo.

Moitseanape wa dijwalo go tswa kwa Seed-Co, Rre Dialwa Kenatshele o rotloeditse balemi go tsaya matsapa go tlhatlhoba mmu go bona gore o mo seemong se se ntseng jang le go bona tharabololo go sa le nako le go dirisa maranyane a temo.

O ne a ba kopa go baya peo e ntsi go thusa go fokotsa go rekwa ga dijo kwa mafatsheng a sele ka go dirisiwa madi a mantsi.

Rre Kenatshele o gwetlhile balemi go nna ba ithuta ka mefuta e e farologaneng ya dipeo go tlhaloganya botoka gore tse di ka ba berekelang ke dife. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kutlo Orman

Location : TAMASANE

Event : Pulo Semmuso

Date : 16 Sep 2018