Breaking News

Ditlhare di latlhegelwa ke boleng fa di remakakwa

13 Sep 2018

Go rema ditlhare phetelela go baka kgothego ya mmu le kgotlelesego ya lesire le le fokotsang bogale jwa marang a letsatsi a a amang lefatshe.
Seo se builwe ke Kgosi Gothatamang Kedikilwe wa Diloro mo potsolosong morago ga go supa fa go na le bangwe batho ba ba remang ditlhare tse ditona go itshetsa.
Kgosi Kedikilwe a re go rema ditlhare go dira gore naga e latlhegelwa ke boleng le bontle jwa tlholego. A re go botlhokwa gore Batswana ba somarele bontle jwa naga. A re mafatshe a a setseng a sena di-tsa tlholego a simolotse ka go tshwara naga ya bone botlhaswa.
O tlhalosa gore go le gantsi fa dilo di direlwa kgwebo, barekisi ga ba lebe ditlamorago ba gabile dipoelo le go ikhumisa ba sa lebelela seemo sa botshelo sa kamoso.
A re ditlhare tse di tshwanang le maphane le motswiri, ke tsone tse di batlwang thata ka go tlhalosega di dira mapako a a thata a a tsayang lobaka.Kgosi Kedikilwe o kaile fa go ya pele, diphologolo tse di tshwanang le dinonyane le digagabi tse di nnang mo ditlhareng, di ka felela di sena fa di nnang teng, se se felele se fokotsa palo ya dingwe tsa tsone mo kgaolong eo.
“Lefatshe leno le dira letseno ka mhama wa di-tsa tlholego le diphologolo, ka jalo tsotlhe tse di tshwanetse go tlhokomelwa le go tsewa tsia gore re seka ra felela re iphotlhere,” Kgosi Kedikilwe a tshwaela.
Kgosi a re o eme ka dinao go ikgolaganya le ba lephata la tlhokomelo dikgwa go tla go ba lebisa seemo le go ruta ka fa ditlhare di ka dirisiwang ka teng go rotloetsa tshomarelo ya di-tsa tlholego.
Kgosi o rotloetsa batho go rema meswa e eme go fokotsa go diga tse di tshelang.
O gakolotse gape gore ope yo o eletsang go rema ditlhare go dira mapako le dikgong, o tshwanetse go tlhopha naga le go rema ka go katologanya go itsa kgotlhego ya naga.
O tladitse ka go re puso le yone e tshwanetse go ema ka dinao, go godisa mananeo a e thusang batho ka one jaaka go agelela masimo le go fokotsa kgothego ya naga.Tse dingwe tse di sa robatseng kgosi ke go epiwa ga motlhaba mo go feteletseng mo nokeng ya motse oo.
“Ke buile le ba lephata la meepo go tla go ruta bagwebi ka metlhaba, ka diteseletso tsa go dirisa noka le tlhokomelo, gore e seka ya re mo nakong e e tlang, noka ya bo e sena motlhaba go sena se bagwebi ba ka itshetsang ka sone mo isagong,” Kgosi a tlatsa.
Kgosi Kedikilwe a re o eletsa fa badirisi ba di-tsa tlholego ba ka nna le tebelopele, mme ba dira tsotlhe ba akanyetsa kamoso.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : DILORO

Event : Potsoloso

Date : 13 Sep 2018