Breaking News

Bana ba tshwanetse ba rutwa kgwebo ba le bannye

13 Sep 2018

Mme Monyatsi wa dingwaga tse di  masome mane le boferabongwe wa Maun ga a a ikgagapelela botswerere jwa gagwe jwa go roka ka a bo abelana le bana ba gagwe.
E rile mo potsolotsong le bosheng Mme Monyatsi a tlhalosa fa a simolotse tiro ya go roka ka 2009. A re ne a ithekela didirisiwa tsa go roka ka madi a a neng a a ipoloketse.
A re go lemogeng fa go roka e le talente e a e amuleng mo batsading ba gagwe, o ne a seka a batla go bolawa ke tlaala a na le diatla.
Mo nakong eno Mme Monyatsi o roka dilwana tsa bana ba dikole, bogolo jang dijesi le diaparo tsa mariga.
O tlhalosa gore dinako tse dingwe batho ba kopa gore a ba segele dikapari tsa manyalo kana mediro e e farologanyeng mme a dire se ka botswapelo le manontlhotlho.
O supile a sa kgwe mathe ka fa khansele ya Bokoni Bophirima e rotloetsang kgwebo ya gagwe ka teng.
Go supa fa a sa batle talente ya gagwe e wela fatshe, Mme Monyatsi o rutile ngwana wa gagwe Koketso go roka.
A re se se mo thusa go fetsa tiro ka nako ka a na le mothusi.
Koketso a re le fa a na le ditiro tse dingwe tse a di dirang,go roka ke selo se a se dirang ka botswapelo.
A re ga go na selo se se molemo jaaka go ithuta tiro ya diatla, bogolo jang mo motsading wa gago.
‘’Mme ke motho yo o bonolo, ka jalo fa a go ruta selo ga a go felele pelo go fitlhelela o tshwara,’’ga latlhela Rre Monyatyo o dingwaga di masome mabedi le borobabongwe.
Koketso a re nako e nngwe batho fa ba tsisitse dilwana go rokelwa ba fitlhela ene mme ba ipotse faa ka kgona go ba thusa.
A re nako e ntsi o roka ba le teng gore ba lemoge gore ntswa e le monna o kgona go dira ditiro tse di itsegeng di dirwa ke bomme.
A re go bereka le mmaagwe go mo thusa go ka itirela letseno go na le go kopa madi mo batsading.
O supile gore mo nakong eno o na le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo ka gore o sale a nna a ithuta ka mmaagwe gore kgwebo e tsamaisiwa jang.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oratile Mothibedi

Location : MAUN

Event : Potsoloso

Date : 13 Sep 2018