Kereke e fetola matshelo a batho
13 Sep 2018
Kereke ya Peace Ever e ikemiseditse go thusa puso go diragatsa maitlamo a yone go namola Batswana mo lehumeng la nta e tshetlha.
Modulasetilo wa banana, Rre Boitshepo Tapa o tlhaloseditse BOPA fa Peace Ever e ititeile sehuba go tlhabolola matshelo a ba ba tlhokileng lesego ga mmogo le batlholagadi.
A re kereke e dira madi ka dikgaisano gore e kgone go abela ba ba tlhokang le batlholagadi.
O tlhalositse fa ba dira bokopano jwa dikereke tsa Peace Ever lefatshe ka bophara ngwaga le ngwaga, a re kwa bokopanong joo, monana mongwe le mongwe o tla ka P20 le mpho ya dijo.
Rre Tapa a re madi a, a dirisiwa mo ditirong tsa kereke fa bontlha bongwe bo dirisiwa ke banana go thusa batlhoki.
O tlhalositse fa ba aba ngwaga le ngwaga. A re ba setse ba abile dijo kwa Marobela, Tutume, Thamaga, Kanye, Francistown fa kwa Themashanga ba agile ntlo.
“Nako le nako fa dikereke di na le bokopano, ke yone nako e re abang ka yone. Re abela batho ba le bararo, ba babedi ba tswa kwa ntle fa a le mongwe e le wa kereke ya rona,” Rre Tapa a tlhalosa.
Kereke e, a re e simolotse ka 1967 kwa Kanye kwa kgotleng ya goo-Ruele mme ka 1981 ya fiwa setlankana sa kereke.
A re fa e simologa, molao-motheo wa yone o ne wa nna le tsetlana ya go thusa batlholagadi. A re banana ba Peace Ever ba itlamile go bereka ka thata go diragatsa maitlamo a kereke ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : OODI
Event : Posolotso
Date : 13 Sep 2018



