Breaking News

Thuto ya motheo e ntsha maduo kwa dikoleng

13 Sep 2018

Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tloaneng, Mme Elizabeth Montsheng a re thuto go tswa kwa moding e botlhokwa e bile e tsweletse ka go ntsha maduo kwa dikoleng tse dipotlana. 

Mme Montsheng o tlhaloseditse BOPA gore fa e sale puso e simolodisa dithuto tsa bananyana ba ba kwa tlase ga mophato wa ntlha ngwaga tse tharo tse di fetileng, go nnile le tokafalo maduo kwa mophatong wa ntlha.

A re dithuto tse, tse di tsenwang ke bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano, di bula bana ditlhaloganyo ga mmogo le go ba baakanyetsa mophato wa ntlha a tlatsa ka gore bana ba nna le sebaka sa go tlwaela sekole le go itse gore kwa sekoleng go diragala eng. 

O tlhalositse fa pele go ne go le dingalo fa ngwana a simolola mophato wa ntlha a ise a dire dithuto tse. 

A re bana ba ne ba tsaya lobaka go tlwaela barutabana, sekole ga mmogo le baithuti ba bangwe, mme se se ba die go tsweledisa dithuto tsa mophato wa ntlha.

Dithuto tse a re di aga boitsholo jwa bana ebile di aga mowa wa go itshepha ga mmogo le go tlwaelana le baithuti ba bangwe. 

A re mo dithutong tsa letsatsi, ba nna le metshameko e e farologaneng mme se se ba itumedise.

A re sekole sa gagwe mo nakong ya gompieno se na le bana ba le masome mabedi le boferabongwe ba mophato oo, palo e a reng e siame ka bana ba tshwanetse ba nna masome mararo mo ntlwaneng ya borutelo.

Le fa go ntse jalo, a re ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go tlhoka ntlwana ya borutelo ya mophato oo mo ba dirisang ntlo lehalahala a re le matlwana a boitiketso a matona mo go bone mme se se borai.

A re ka ba sa ntse go se na ntlwana ya borutelo, bana ga ba kgone go ithuta dikhomputara ka go sa babalesega gore di ka nna kwa ntlo lehalahala. 

Morutabana wa dithuto tse, Mme Gaamangwe Monamodi a re go ruta bana ba mophato oo go dingalo mme go batla bopelotelele le lorato. 

A re go botlhokwa gore barutanaba ba ba fe lorato lwa setsadi ka go lekana gore ba nne ba gololesegile ka dinako tsotlhe.

A re le fa ba lebala ka pele, o tlamega go ba gakolola kgapetsa kgapetsa gore ba tshware mme a dira jalo a sa ba felele pelo.

Mme Monamodi a re o tlamega go ba kaela gore ba tshwanetse ba dira jang e seng go ba bolelela fela ka molomo gore ba tshware ka bonako. 

A re ba itlama go tswelela ba ruta bana thuto e e maleba, e le bontlha bongwe jwa maikaelelo a bone a go tswelela ba dira sentle mo dithutong tsa mophato wa bosupa.

A re e sa le ka 2002 sekole sa Tloaneng, se dira bontle mo mophatong wa bosupa mme le mo nakong ya gompieno, se tsweletse fela jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : TLOANENG

Event : Posolotso

Date : 13 Sep 2018