Boitshoko le boineelo di tsala phenyo
13 Sep 2018
Mme Gaboipewe Mosalaesi yo o thusitsweng ke lephata la banana go bula kgwebo ya go roka, ga a a ka a ineela fa kopo ya gagwe go thusiwa ka madi a banana e ganwa makgetho a le mmalwa.
“Ke ne ka seka ka ipona tsapa ka kwala gape mme ya re ka 2011 kopo ya me ya atlega, ka thusiwa ka P100 000,” Mme Mosalaesi a tlhalosa.
Kgwebo ya gagwe e akaretsa go roka diaparo ka mefuta mme thata e ikaegile ka go sega paka ya sekole.
O tlhalositse fa madirelo a gagwe e le o ne fela a segang paka ya sekole sa Baratani kwa Otse.
Mme Mosalaesi o lebogile khansele-potlana ya Borwa Botlhaba go mo fa tiro ya go roka paka ya sekole, a re se se supa fa puso e ikemiseditse go namola Batswana mo lehumeng le go tlhabolola matshelo a bone.
Mme Mosalaesi yo o tlholegang kwa Mogobane a re fa a simolola kgwebo ya go roka, o ne a itebagantse le bareki ba Otse le Mogobane ka a ne a lemogile fa ba reka paka ya dikole kwa Gaborone le Lobatse.
“Baagi ba metse e ba amogetse kgwebo yame ka boitumelo go nne ke ba kgaotse maoto,” Mme Mosalaesi a supa.
A re dipoelo ga di kalo mme lemme le a le bonang le a mo tshetsa.A re go le gantsi, kgwebo ya gagwe e dira dipoelo tse di nametsang dikgwedi tsa Hirikgong le Tlhakole fa dikole di bulwa le ka Ngwanatsele le Morule fa batsadi ba rekela ruri bana paka ya sekole ngwaga o fela.
“Ke hirile mme a le mongwe mme mo dikgweding tse, ke kgona go hira babereki ba bangwe go re thusa. Ka ke thusitswe ke puso go itshedisa le nna ke eletsa go thusa puso go tlhamela ba bangwe mebereko,”Mme Mosalaesi a tlhalosa.
A re dipaka tsa kgwebo ya go roka ga di tle ka go tshwana ka go na le paka ya sekole le manyalo e mo go yone theko e leng kwa godimo.
Mo kgwebong, a re malatsi ga a tle ka go tshwana mme o ipaakanyeditse diemo ka go farologana.
Fela jaaka dikgwebo tse dingwe, Mme Mosalaesi o tlhalositse fa a kopana le dikgwetlho jaaka bareki ba ba tsayang lobaka go duela fa bangwe ba tsena ka lenga la seloko ba sa wetsa dituelo.
Mme Mosalaesi o tlhalositse fa monna wa gagwe a mo kgothatsa mme seo se mo tiisa moko ka o lemoga fa go na le mongwe yo o lemogang bokgoni jwa gagwe ebile a eletsa go mmona a fitlhelela toro ya gagwe ya go bula madirelo a matona a rokela dikole ka go farologana.
“Ke eletsa go reka motshine o o kwalang mo matselang, fa nka o bona, ke tlaa bo ke itse fa ke le gaufi le toro ya me,” Mme Mosalaesi a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : OTSE
Event : Posolotso
Date : 13 Sep 2018



