Breaking News

Balemi-barui ba kopiwa go tsaya mananeo ka tlhwaafalo

13 Sep 2018

 Mogokgo wa sekole sa temo-thuo sa Pelotshetlha go bapa le Mmathethe kwa kgaolong ya Borwa, Rre Pius Nkunda, a re balemisi kwa kgaolong eo ba ngongorega ka balemi-barui ba ba sa tseyeng mananeo a puso ka tlhwaafalo.

Fa a bua kwa thuto-puisanong e e neng e diretswe balemi-barui ba Moshupa Borwa ka Labobedi, Rre Nkunda o boletse fa puso e bone go le botoka go emisa dithuso dingwe ka balemi bangwe ba sa di dirise sentle.

Rre Nkunda a re balemi bangwe ba rekisa menontshane, go na le ba e dirise kwa masimong a bone jaaka go solofelwa. 

O kopile balemi go dirisa mananeo ka fa tshwanelong a tlatsa ka gore go dira jalo ke go senya bokamoso.

Rre Nkunda o tlhalositse fa monongwaga go sena go nna le dipampitshana (coupons) tse di tsewang ke dikhamphani tsa Batswana go phakisa balemi dipeo.

A re go nnile le tshenyetso setshaba e e lemogilweng, e dirwa ke dikhamphani dingwe.

O boletse fa lephata la temo-thuo le dirisitse madi a a fetang P7 million mo mananeong a temo-thuo mme go sena dipoelo dipe tse di bonalang.

Rre Nkunda o tlhalositse fa kitsiso ya lephata la tepo lewapi e dule mme e supa fa monongwaga pula e tlaa nna boutsana, a kgothatsa balemi go ikitaya ka thupana gore ba leme ka bonako go somarela bokgola.

Balemi-barui ba ne ba rutwa go tlhagola mohero ba dirisa ditshefi go na le go dirisa megoma jaaka bogologolo le go somarela bokgola ba dirisa mogoma wa ripper go na le megoma ee tlwaelesegileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MOSHUPA

Event : Thuto-puisano

Date : 13 Sep 2018