Breaking News

Kgosi ga a robatswe ke dipolaano

13 Sep 2018

Kgosi Selelo Kelebang wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, a re o tshwenngwa ke dipolaano tse di oketsegang kwa motseng oo.

Kgosi Kelebang o boleletse BOPA fa bontsi jwa dipolaano  e le di dirwang ke dintwa kwa marekisetsong a bojalwa le tsa baratani.

A re seemo se, se a tshwenya ka ba latlhegelwa ke banana ba ba nang le boleng ebile ba ka sologela lefatshe molemo. 

Kgosi Kelebang a re dipolaano tsa baratani di bakwa ke tlhoka kutlwisisano ka dipelaelo tsa gore mme o ka tswa a tsietsa rre.

O tlhalositse fa nako e ntsi, borre ba dira jalo ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya maikutlo a nakwana.

Kgosi Kelebang o kopile banana go kopa dikgakololo fa ba kopana le mathata.

O ba kopile gape go itshwarelana fa ba tlhokile kutlwisisano.A re banana ba tshwanetse go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone.

Kgosi Kelebang a re borukutlhi jwa go thujwa ga matlo le jone bo ile magoletsa ebile banni ba amogiwa dithoto le madi a bone motlhofo ke setlhopha sengwe sa magotswana.

A re magotswana ao, a tsweletse ka go tlhorontsha motse ebile ba setse ba kile ba utswa madi a a fetang P5 000 a paakanyetso moletlo wa kabo dimpho wa sekole se se botlana sa Ditshegwane.

A re mo tiragalong eo, ga gona ope yo o neng a tshwarwa.

Kgosi Kelebang a re bogodu jwa leruo le jone bo godile mme go utswiwa dikgomo le dihutshane a re go le gantsi dikgomo di a bolawa mme go epelwe mateng a tsone.

A re dikgomo dingwe di rekwa mo badiseng ka bokukuntshwane ke ba matlhabelo.

Kgosi Kelebang a re o solofela fa go tlhamiwa ga komiti ya twantsho borukutlhi jwa leruo ya Selelo Sa Barui e e sa tswang go tlhamiwa bosheng, e tlaa fokotsa bogodu.

A re komiti e, e setse e simolotse go dira pharologanyo kwa merakeng ee mapapi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : DITSHEGWANE

Event : Posolotso

Date : 13 Sep 2018