Breaking News

Mogwebi o ikanya temo thuo

13 Sep 2018

 Mogwebi wa temo-thuo kwa masimong a Semarule kwa kgaolong ya Kweneng, Rre Shadrack Ngaye, a re temo thuo e bogadi bogaufi e bile dipoelo tsa yone di a nametsa 

Rre Ngaye, yo o dingwaga di masome a matlhano a tlholega kwa Tutume, a re o tswa kgakala le temo thuo ka e bile a godisitswe ka yone. 

O boletse mo potsolotsong gore le ntswa a simolotse a lemela go ja kwa lwapeng, e ne yare nako e ntse e tsamaya a nna le kgatlhego ya go lemela go rekisa, ka jalo a reka tshimo go simolola kgwebo eo. A re mo nakong e, o lema ditema tse thataro. O epile sediba mo tshimong mme o lema merogo le go rua dikoko tsa nama le tsa mae. 

A re o simolotse kgwebo eo ka go tlhatlhela dikoko tsa mae dile masome a marataro tse a di rekileng ka madi aa neng aa bolokile 

Dikoko tsa nama tsone o tlhatlhela dile 250 kgwedi le kgwedi mme o kgona go di rekisa tsotlhe. 

Rre Ngaye a re o lema  merogo ee akaretsang rape, lettuce le ditamati mme o rekisetsa bagwebi ba ba botlana le marekisetso mangwe.

A re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle ka a kgonne go bona bareki ba ba boikanyego. 

O tlhalositse gore o dirisitse dipoelo go ikagela le go agela badiri ba gagwe matlo a bonno. 

O boletse gore morago ga go lemoga fa tiro e le ntsi kwa madirelong a gagwe, o ne a hira banana ba le babedi go mo thusa.

A re babereki bao ke bone ba ba tlhokomelang kwa madirelong ao. 

Le fa gontse jalo, a re o kopana le dikgwetlho tse di akaretsang diji tsa merogo jaaka dibokwana mme merogo ya teng e nne le boleng jo bo kwa tlase. 

A re gona le dinonyane tse di jang morogo ka nako e ba butseng moriti wa merogo go tsenya phefo. 

Kgwetlho e nngwe a re ke gore dikoko tsa nama diswa thata ka mariga ka di tshabelelwa ke serame mme seo e nne ditshenyegelo tse di kwa godimo. 

Rre Ngaye a re maikaelelo a gagwe ke go dirisana le balemi ba bangwe le go tsaya malebela mo go bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : GAKGATLA

Event : Posolotso

Date : 13 Sep 2018