Breaking News

Banana ba Maun ba kgothadiwa go dirisa ditlamelo

12 Sep 2018

 Mogolwane wa ofisi ya banana mo Maun Rre Odiretsemang Molao o rotloeditse banana go dirisa diofisi tsa lephata la Tlhabololo banana, metshameko le ngwao go batla bogakolodi e seng dithuso tsa madi fela.

Rre Molao o ne a buisa banana mo puisanong ya banana e e neng e rulagantswe ke monana wa Maun Rre Leatile Kowa kwa  motseng oo ka Laboraro.

O supile fa ka bontsi ja nako ba amogela dipalo tsa banana tse dintsi ka nako e go buletsweng dikopo tsa go thusiwa ka madi fela mme e seng jalo ga ba bone ope.

Le fa go ntse jalo, Rre Molao a re maikemisetso a bone ke go dira le mekgatlho e e farologaneng e e itebagantseng le banana go ba nonotsha. 

O ne gape a kgothatsa  banana go tlhoafalela matshelo a bone, a re banana bangwe ba inaakantse le dilo tse di sa siamelang botsogo jwa bone le bokamoso.

A re gore motho a nne le bokamoso jo bo botoka o tshwanetse a simolola ka dingwaga tsa bonana.

Ka jalo o ne a re banana ba lese go tabogela dilo tsa segolo tse di bayang matshelo a bone ka fa mosing.O ne a re banana ba botlhokwa mo lefatsheng e bile ba tshwanetse go tla ka megopolo e e ka tokafatsang matshelo a bone le go isa lefatshe pele.

O supile fa banana ba aperwe ke mathata a letlhoko la ditiro mme a re go ka nna thona go bona ba inaakantse le nnotagi.

Mongwe wa batsena phuthego, Rre Seloilwe Seloilwe a re go botlhokwa gore go dirwe mokgatlho o o ka thusanang le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao go tlhabolola matshelo a bana, sengwe se a reng o setse a se boleletse ba bogosi mo Maun.

Rre Seloilwe o ne gape a kgothatsa banana go inaakanya le baeteledipele ba sepolotiki gore ba dire se se tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : puisano ya banana

Date : 12 Sep 2018