Breaking News

Ba Topisi ba kokonelwa ke tlhaelo ya bodiredi

12 Sep 2018

Kgosi Kgomotso Boiditswe wa Topisi mo kgaolong ya legare a re motse wa gagwe o  kokonelwa ke tlhaelo ya bodiredi jwa puso.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Boiditswe a re go senogile gore Topisi o setse a godile, ka jalo o tlhoka bodiredi jwa puso jo setshaba se bo tlhokang, a supa fa morafe wa gagwe o kokonelwa ke ditlhwatlhwa tsa dipalamo go latela ditlamelo tsa puso kwa Palapye.

A re go ngomola pelo go bo banni ba Topisi ba santse ba latela ditlamelo kwa Palapye di tshwana le tsa botsogo tse kokelwana ya bone e sa kgoneng go ba thusa ka tsone.  

Kgosi Boiditswe o supile gape gore nako e tsile ya gore kokelwana ya bone e ka godisiwa go akaretsa matlo a pelegi.

O kaile fa motse o itemogela diemo tse di sa jeseng diwelang di tshwana le bomme ba ba felelang ba belegela mo malwapeng ka go bo kokelwana ya bone e sena bodiredi jwa pelegiso.

“Bangwe ba bomme ba ba itsholofetseng ga ba na le one masika le tsone ditsala kwa Palapye kwa ba ka letelang letsatsi la pelegi teng ba le gaufi le kokelo e e belegisang mme ba patelesege go belegela mo malwapeng” a tlhalosa jalo.

O tlhalositse gore  kokelwana ya Topisi e na le baoki ba le babedi mme a supa fa nako dingwe baoki bao ba fekeediwa ke palo ya balwetse, ka ba le mabogodika ba patelesega go thusa setshaba ka tse di farologaneng tsa botsogo mme seo se ketefatse tiro ya bone. 

Kgosi o ne a supa fa ba na le mokenti, molemisi, mapodisi le ba motlobo wa ditso mme ba sena diofisi tse ba ka thusetsang setshaba mo go tsone, ka jalo a supa fa go paledisa bodiredi  jwa puso go thusa setshaba mo go kgotsofatsang.

A re palo ya banni ba Topisi e setse e godile, ka jalo go tlhokana le gore ba thusediwe fa go nang le diofisi teng.

E re ntswa a supile matshwenyego ka bodiredi jwa puso, Kgosi Boiditswe o ne a supa fa maphata mangwe a puso a dira maiteko a go thusa morafe wa Topisi.

A re lephata la kwadiso dintsho le matsalo le ba koporase ya Water Utilities gangwe le gape ba etela motse wa gagwe ba tswa kwa Palapye go thusa setshaba.

O kaile fa bodiredi jwa lephata la kwadiso dintsho le matsalo bo tlhokana le go phophothwa legetla gangwe le gape ba rotloetsa le go tsenya thuto mo banni ba Topisi ba ba santseng ba goga dinao go direla bana ditlankana tsa matsalo, Omang le gone go o ntshafatsa.

“Bothata jo ke kopanang le jone ke batsadi ba e santseng e le banana. 

Le fa go ntse jalo ke ntwa e ke e fenyang ka thuso ya ba lephata la kwadiso dintsho le matsalo ba ke ikuelang kwa go bone kwa Palapye,” a tlhalosa jalo.

Fa a mo kgwa dikgaba, mothusa mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Baseketetsi Pillar a re ba lebogela lephata la botsogo ka dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV, a supa fa kokelwana ya bone e thusa balwetse ka dipilisi tseo mo bogompienong  go sena mathata ape. 

A re go le pele ba ne ba itemogela fa go na le bangwe ba ba tlogelang dipilisi tseo ka ntata ya go bo ba tsaya dipilisi kwa Palapye mme nako dingwe ba palelwa ke go di latela ka mabaka a a farologaneng, a supa fa bangwe  e le ka go tlhoka madi a mosepele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : TOPISI

Event : Posolotso

Date : 12 Sep 2018