Thuto ya ngwao e botlhokwa
12 Sep 2018
Mothusa kgosi wa ga Malete, Kgosi Tsimane Mokgosi a re go botlhokwa go rutana ka dingwao tse di farologaneng tsa merafe ya lefatshe leno.
O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao kwa Jwaneng.
A re go farologana ga dingwao tsa merafe ya Botswana go tletse boleng jo bo tshwanetseng jwa aroganwa ka go rutanwa.
A re dithuto tse di tshwanetse gape tsa fetisediwa kwa baneng gore di thuse go aga setho sa bone.
“Go ruta bana ngwao ke go ba ruta boikarabelo gore ba tsoge ba na le boleng, gore ba farologane le dibopiwa tse dingwe ka boitshwaro.
Bogologolo thuto e e ne e dirwa ka meila, dinaane, diane le dithamalakane.”
Kgosi Mokgosi a re ke maikarabelo a batsadi go ruta bana ditso le ditsamaiso tsa segabone gore ba gole ba na le seriti.
A re le bone e le baeteledipele ba setso ba na le boikarabelo jwa go rotloetsa go tokafatsa matshelo a merafe e ba e eteletseng pele.
A re se se raya gore ba tshwanetse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang ga ngwao go rotloetsa le go tokafatsa matshelo a merafe.
O boletse gape gore go botlhokwa go ruta bana methale ya go nonotsha ngwao gore e kgone go tsenya letseno go tokafatsa matshelo le itsholelo.
A re go botlhokwa go somarela ngwao le go sega melelwane gore ba seka ba iphitlhela ba amogane ditshetlana dingwe le batho ba di sa ba tshwanelang.
A re dilo di tshwana le patlo ya Setswana ke diteng tsa ngwao tse di sa tshwanelang go itsewe ke mongwe le mongwe go fitlhelela ba goroga mo go tsone.
Mokwaledi wa makgotla a Setswana mo Jwaneng Mme Lady Mokgadi o ne a tlhalosa fa ba bone go le botlhokwa go ipelela ngwao ka maikaelelo a go tsosolosa le go rutana ka dingwao tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo toropong e.
A re e re ka jaana Jwaneng e le makgatlhanela thapong, go botlhokwa gore gangwe le gape morafe o kopane o gakololane ka dingwao tse di mo toropong eo, gammogo le go di ruta le bana ba dikole.
E ne e rile go le pele kgosi wa Raphalane Rre Nkaelang Lekgoa a kgothatsa morafe go emela moletlo wa ngwao ka dinao go godisa ngwao mo toropong eo.
A re dikomiti tsa motse di tshwanetse go tsaya boikarabelo go netefatsa gore moono o, o a atlega ka jaana e bile o itebagantse le go tokafatsa matshelo a batho.
Moletlo o o ne o tshwerwe ka setlhogo se se reng; Ngwao Bokamoso Jwa Rona Rotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Moletlo wa ngwao
Date : 12 Sep 2018



