Kgosi o iteela morafe legofi
12 Sep 2018
Kgosi Malepa Orekeng wa Ntlhantlhe o akgotse morafe wa gagwe ka maiteko a ba a dirileng go phepafatsa motse, ka se se le botlhokwa mo botsogong.
Se se tla morago ga gore Ntlhantlhe a gape seetsele sa maemo a ntlha sa motse o o phepha mo kgaolwaneng ya Moshupa ga mmogo le mo kgaolong ya Borwa ka kakaretso.
Fa a bua mo potsolotsong Kgosi Orekeng o tlhalositse fa ba ikgapetse kopi le P1 500, a tlhalosa fa tirisanyo fa gare ga bogogi, komiti ya ditlhabololo le morafe e le tsone di ba fithisitseng mo maemong ao.
O ne a supa fa a eletsa gore ba tswelele e le motse o phepha.
A re babereki ba Green Scorpion ba ba thapiwang ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng ba ne ba semeletse ka go sela matlakala mo motseng le go kgothatsa morafe ka botlhokwa jwa go phapafatsa tikologo.
Kgosi o kaile fa boralekgotla ba ne ba rotloetsa morafe mo makgotlaneng a bone ka molemo wa go latlhela matlakala kwa go tshwanetseng teng le ka tsela e e babalesegileng.
O tlhalositse fa ba ne ba kgothatsa morafe ka go phatlalatsa melaetsa ya phepafatso mo diphuthegong tsa kgotla, a supa fa a tlaa tswelela a kgothatsa morafe go tswelela o phepafatsa motse gore maemo a ntlha a seka a ba tswa diatleng.
“Gore re kgone go ngoka bagwebi le batho ba ba eletsang go nna baagedi ba motse o, ke gore re simololele ruri ka go o phephafatsa gore o nne o le mo seemong se se eletsegang,” a lalhela.
Kgosi a re le fa ba na le tlhaelo ya ditlamelo ba tlaa leka go netefatsa gore motse ga o kgotlelesege.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Galaletsang Letshoo
Location : NTLHANTLHE
Event : Posolotso
Date : 12 Sep 2018



