Breaking News

Dikereke di ema kgatlhanong le matshwenyego a lefatshe

12 Sep 2018

 E ne ya re ka Tshipi diphuthego tsa Tonota tsa phuthaganela kwa kgotleng kgolo go tshwara merapelo kgatlhanong le mangwe matshwenyego a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba. 

Fa a bua kwa bokopanong jwa dikereke tseo, modulasetilo wa lekgotla le le okametseng dikereke tsa Tonota, Moruti Mosetsana Gaonabeng o tlhalositse fa Lwetse e le kgwedi e lefatshe leno le e seegetseng fa thoko go nna kgwedi ya merapelo kgatlhanong le matshwenyego a lefatshe.

Ka jalo o ne a tlhalosa fa le bone fela jaaka dikereke tse dingwe go ralala lefatshe leno, ba ne ba tlhopha letsatsi la Tshipi, e le diphuthego tse di obamelang mo Tonota go tla go rapela kgatlhanong le diemo tse di ba tshwentseng mo Tonota le lefatshe ka bophara. 

Moruti Gaonabeng o supile fa lefatshe leno le lebanwe ke matshwenyego a a akaretsang segajaja sa HIV/AIDS, dipolaano tsa baratani, dikotsi tsa tsela, maitsholo a a makgaphila gammogo le dipula tse di sa ikanyegeng. 

O ne a tlhalosa fa matshwenyego a a felela a baka matlhotlhapelo mo matshelong a batho. 

Moruti Gaonabeng o ne a tlhalosa gore go tlhokega gore batho ka bongwe ka bongwe ba ikgakologelwe ba lebe kwa Modimong ka e le ene tsela le boammaaruri godimo ga tsotlhe.

“Fela fa re ka ikanya Modimo re mmoifa ka dinako tsotlhe, dilo tse tsotlhe di ka bona tharabololo” a bua jalo a paka fa poifo Modimo e le yone tshimologo ya botlhale. 

O ne gape a tlhalosa fa go tshelela ka fa tlase ga ga Keresete go ka thusa go menagane gore lefatshe leno le kgone maikaelelo le maitlamo a lone a tebelopele ya setshaba ya 2036 a go nna tshaba e e itekanetseng e tshelela mo kagisong le thokgamo. 

Go le pele mogokaganyi wa ditirelo tsa bolwetsi jwa AIDS mo kgaolong-potlana ya Tonota Mme Chipo Manyiwa o ne a supa fa kgaolo ya gagwe e e akaretsang metse e le lesome le boraro e amilwe bobe ke bolwetse jwa AIDS.

O tlhalositse fa se se ngomolang pelo e le gore le ntswa puso le makalana a a ikemetseng ba leka ka bojotlhe go lwa ntwa kgatlhanong le kanamo ya bolwetse jo, go santse go tshwenya go bo dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobelang mogare nako e sa le teng e tsena mo seatleng. 

O supile fa gape batho bangwe ba na le go itlhokomolosa ditlamelo tse di leng teng go ka lwantsha kanamo ya HIV, a afa sekai ka go tlhalosa fa go na le bomme bangwe ba ba itsholofelang mme ba bo ba sa ikwadisetse boimana mme ba felele ba belegela mo malwapeng. 

Mme Manyiwa o tlhalositse fa ba lemoga se fa ngwana a sa tsoga a tsisitswe bookelong.

A re go dira jalo ke go tsenya matshelo a bana mo diphatseng, a tlhalosa gore fa mme a itsholofetse o tsenelela ditlhatlhobo ka go farologana mme e bile go na le lenaneo la go thibela kgonagalo ya go anama ga mogare go tsweng kwa go mmangwana go ya kwa leseeng. 

Mogokaganyi o ne a tlhalosa fa kgotlholo e tona e le di ya thoteng di bapile le AIDS mme a gwetlha jalo banni ba kgaolo-potlana ya Tonota go itlwaetsa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana nako e sale teng gore ba kgone go bona thuso fa go tlhokafala. 

Fa a iteela kobo moroko, Moruti Balayi Majoo wa kereke ya Spiritual Healing o rotloeditse diphuthego go ikitaya ka thupana go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone. 

A re jaaka e le bakeresete, ke tshwanelo ya bone gore ditiro tsa bone di supagale gore ke batho ba ba itlhophetseng go tshelela Modimo.

O buile jalo a kgala dipolaano tsa baratani ga mmogo le go nna le bakapelo ba le bantsi. 

Moruti Majoo o kgadile gape batho ba ba santseng ba na le mowa o o bosula wa go kgetholola ba ba nang le HIV, a ba kopa go nna le lorato lwa Bakoranta. 

A re se ba tshwanetseng go se dira ke go lemoga batho ba go nna jalo mme ba ba rotloetse go tsenelela mananeo a a ka ba bontshang tsela. 

Mokhanselara wa Tonota, Rre Chris Machokoto o ne a lebogela diphuthego go tshwara merapelo le morafe. 

A re ke tumelo ya bone gore Tonota le lefatshe ka bophara o tlaa robalelwa ke ditlhokwa mabapi le dipolaano, malwetse le dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : TONOTA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Sep 2018