Babelaelwa ba falotse ntlo lefitshwana ka bobi jwa segokgo
11 Sep 2018
Segopa sa borre ba le bane ba falotse kgolegelo ka bobi kwa segokgo kgatlhanong le molato wa go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane.
Go tla jaana morago ga gore ba bosekisi ba retelelwe ke go fa bosupi jo bo nitameng fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata wa Hukuntsi ka Mosupologo.
Go bolelwa fa babelaelwa bao, ba ba tlholegang kwa Hukuntsi ebong; Keamogetse Keorapetse (39) wa kgotla ya Go-Tshweu, Lopang Gaesiwe (36) wa kgotla ya Magobelelo, Geoffrey Koko (29) wa kgotla ya Gakhibana le Kopano Mabusa (41) wa kgotla ya Magobelelo, e ne ya re Moranang a tlhola malatsi a le mane ba fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane.
Le fa go ntse jalo, mosekisi go tswa kwa go ba sepodisi sa Tshane, Assistant Superintendent Poloko Oteng o ne a tsenya tshutiso ya gore e le ba bosekisi ba tsholola kgang ya tsheko ka jaana ba reteletswe ke go nna le bosupi jo ka jone ba ka amanyang babelaelwa le molato wa go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwame.
Asst Superintendent Oteng o tlhalositse fa se se bakilwe ke gore ka nako ya fa ba phuruphutshiwa ke ba sepodisi, babelaelwa ba ne ba fitlhelwa ba le tshenene fela go sena mephuthelwane epe mo go bone, le mororo ba ne ba le mo lefelong la tiragalo ya molato ka nako eo.
A re ba sepodisi ba ne ba bega mophuthelwana wa bokete jwa 4.1g o ka maswabi o tlhokileng mong.
Le fa go ntse jalo, babelaelwa ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo le tshutiso ya ba bosekisi gore kgang ya bone e thololwe fa pele ga lekgotla kwa ntle ga makgwere ape.
Go ya ka bosupi jwa ba bosekisi, Mmakaseterata Tshepo Magetse o ne a tsholola kgang, mme a tlhagisa ba bosekisi gore ba bo ba tsepame mo tshutisong ya bone e bile ba rurifaditse tsotlhe tse di tshwanetseng go salwa morago gore kgang e ka tshololwa ka jaana a re ga a solofele fa go na le kgonagalo ya gore kgang eo e ka boa ya tla go kwadisiwa mo kgotleng ya ditsheko.
Mmakaseterata Magetse o ne a ema babelaelwa ka lefoko la gore le ntswa ba sa tswa go falola go ya go disa poo, ba seka ba tshokana ka ba inaakantse le tiriso ya ditlhatshana tse di sa letlelelweng ka fa molaong mo lefatsheng leno, e seng jalo ba tlaa di gama ba sa ditlhapela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Posolotso
Date : 11 Sep 2018



