Breaking News

Monana o inaakantse le thekiso ya digwapa

11 Sep 2018

 Mo maitekong a go lwantsha letlhoko la ditiro, monana wa kgotlana ya Thomadithotse kwa Mahalapye, Rre Russel Gogannekgosi, 34, o itshimololetse kgwebo ya go golola le go rekisa digwapa tsa nama ya kgomo.

Morago ga go kgarakgatshiwa ke ditiro a eta a bona tsa dituelo tse di kwa tlase fa a sena go fetsa sekole sa ithutelo tiro kwa a dirileng dithuto tsa maranyane teng, Rre Gogannekgosi o ne a tsaya tshwetso ya go simolola kgwebo e mo bogompienong a itshetsang ka yone.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Gogannekgosi o tlhalositse fa a nnile le kgatlhego mo go tsa dijo nako ya fa a direla kwa Sedie Hotel kwa Maun ka 2013 mme ya re moragonyana ka 2016 a bereka mo marekisetsong a nama a Pinville kwa Mahalapye kwa a neng a tsaya botsipa ka thekiso ya nama.

E rile go tlogeleng ga gagwe kwa Pinville a simolola kgwebo ka 2017, mme a reka nama a e gololaa. 

“Ke berekile dikgwedi di le tlhano fela mo marekisetsong a nama mme ntateng ya letseno le le neng le le kwa tlase, ka tsaya tshwetso ya go itshomololela kgwebo.

Tota maikaelelo magolo e ne e le go tsisa tatso e e pharologanyo mo mmarakeng ka jaana mo bogompienong ke itemogela fa bontsi jwa digwapa tse di rekisiwang di sena tatso e e neng e tlwaelesegile e e monate ya bogologolo,” arialo Rre Gogannekgosi.

Mo kgolong ya gagwe, monana yo a re rragwe yo o neng a bereka kwa lephateng la diphologolo e ne e re a tswa maetong a tiro a ba tlele ka digwapa tse di tatso e monate mme di sa tsenngwa metswako epe fela ya sesha.

Ka jalo a re o tsene mo kgwebong ka maikaelelo a go dira digwapa tsa tatso e e monate jaaka ya digwapa tsa batho ba bogologolo mme ene a re ka o direla kgwebo o ne a bona go tshwanela go dirisa dithuto tse a di anywileng faa direla kwa oteleng mme a tsenya metswako ee natefisang go ngoka bareki.

A re digwapa tsa gagwe tsa ntlha o ne a ya go di bapatsa kwa mohiring wa gagwe wa pele wa kwa marekisetsong a nama, mme tsa amogelesega thata mo e bileng gompieno a ba direla ba rekisa mo marekisetsong a bone.

Mo bogompienong Rre Gogannekgosi a re le fa a na le bareki ba boradikgwebo ba a ba rekisetsang, a re o tsena ntlo le ntlwana a rekisa nama ya gagwe mme a re Batswana ba rata motswako wa gagwe e bile ba reka mo go kgotsofatsang.

A re bangwe ba bareki ba gagwe ba akaretsa bo radibara, ba dimausu gammogo le ba ba rekisang kwa maemelong a dibase kwa Mahalapye le Palapye.

Rre Gogannekgosi o supa gore o itebagantse thata le digwapa tsa nama ya kgomo mme a re o atle a dire le tsa nama ya tonki e mo bogompienong e tumileng thata.

Le fa a santse a direla mo lwapeng, a re o batla lefelo le le siametseng kgwebo ya gagwe ka jaana e le ya dijo mme go batla lefelo le le faphegileng. 

O supile fa gape a santse a retelelwa ke go thapa babereki go ka mo thusa le fa tiro e le ntsi ka jaana banana ba sena maikaelelo a go dira tiro e a e dirang.

“Bontsi jwa banana ba batla go berekela mo diofising, ka jalo le fa ke ketefalelwa ke tiro ke santse ke dira ke le nosi.

Tiro e ke e dirang e tlhoka lorato le bopelotelele ka jaana le tsone digwapa ga di dirwe fela go latlhelelwa, go na le ka fa di segwang ka teng go ka ngoka bareki, diatla tsa modiri wa segwapa di tshwanetse tsa kgathisa le motswako o o tsenngwang pele ga nama eka omisiwa o tshwanetse wa lekanyediwa sentle,” ga bua Rre Gogannekgosi.

A re maikaelelo a gagwe ke go atolosetsa kgwebo mo dikgaolong tsotlhe tsa Botswana le go rekisetsa marekisetso a matona jaaka boChoppies, ka jalo a re o ikaelela go thapa banana ba le palonyana.

O gakolotse banana go inaakanya le go itshimololela dikgwebo le fa ba sena letseno le le lekaneng. A re bonyennyane jo motho a simololang ka jone o kgona go bo ikokeletsa mme kgwebo ya gagwe e felele e phophoma.

O supile fa ene a simolotse kgwebo ka madi a pata mme mo bogompienong kgwebo e setse e itshetetse. 

A re mathata a bontsi jwa batho ke go rata go kopa ba bo ba dira dikgwebo tse di setseng di dirwa ke ba bangwe mme go nne thata gore dikgwebo tsa bone di dire letseno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : MAHALAPYE

Event : Posolotso

Date : 11 Sep 2018