Kitso ka seemo sa mogare e botlhokwa
11 Sep 2018
Dikereke di kgothaditswe go nna sekao mo go itlhatlhobeleng mogare wa HIV.
Kgothatso e dule ka molomaganya ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS mo Kgalagadi Borwa, Rre Kebonyemodisa Watota mo tshimolodisong ya kgwedi ya thapelo mo kgotleng kgolo ya Tsabong bosheng.
Rre Watota a re seo se ka thusa setshaba go tsaya dikgato tse di maleba ka nako.
O ne a kopa dikereke go kgothatsa diphuthego le go ba rotloetsa go itse seemo sa bone sa mogare le go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare ka fa go tshwanetseng ka teng fa ba fitlhelwa ba na le one.
A re dikereke di tshwanetse go rotloetsa baphuthegi go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo, go dirisa mamaneo a puso a go lwantsha AIDS, a tshwana le la diritibatsi le la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng le le iseng le belegwe.
Rre Watota o boletse fa ditshekatsheko di supile fa batho ba le lekgolo, masome a matlhano le bone mo kgaolong eo ba ne ba tlogela go nwa diritibatsa mogare.
A re dipego gape di ne tsa supa fa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga ba le masome a mararo le bone go balelwa le bana ba ba tsenang sekole ba fera bobedi ba fitlhetswe ba imile, ga mmogo le dikgang tse thataro tsa petelelo.
Ka jalo, o ne a kopa batsadi go godisetsa bana mo tumelong le gone go ba ruta go bala Baebele ka seo se ka thusa mo go ba ageng ka go nna tlhong, botho, maitseo le gone go nna le poifo Modimo.
A re se se ka dira gore ba ikgaphe mo dilong tse di sa siamang jaaka tlhakanelo dikobo ba sa ntse ba le bannye le pele ga ba tsena mo nyalong. Rre Watota a re go ya ka ditshekatsheko 4.8 per cent ya banana mo Kgalagadi Borwa ba tlhakanetse dikobo pele ga dingwaga tse di lesome le botlhano, fa 20.4 per cent ya ba ba tlhakanetseng dikobo ba di tlhakanetse le batho ba ba fetang bongwe mo dikgweding tse di lesome le bobedi tse di fetileng.
O ne a gwetlha dikereke le lekgotla la baruti mo kgaolong eo go rotloetsa nyalo.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, modulasetilo wa BOCAIP Rre Mareko Tolosi o boletse fa e le go rapedisa bolwetse jwa AIDS le mogare wa HIV, go lopa pholo le go nna le tsholofelo mo Modimong ka go itsetsepela mo thapelong.
Rre Tolosi o boletse fa gape e le go gakolola, go kgothatsa le go bontsha go kgathala ka ba ba tsenweng ke mogare, go rotloetsa boitshwaro jo bo siameng le gone go tlhoka go tsena mo tlhakanelong dikobo pele ga nyalo.
Setlhogo sa letsatsi leo e ne e le: Botsogo jwa me, Pelo ya Modimo”
Ngaka go tswa mo sepateleng sa Tsabong, Dr Godwin Moipopo o ne a tlhalosa fa mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa bomme ba le makgolo a le marataro le masome a ferang bobedi le borataro le borre ba le makgolo a mane le masome a mabedi le bongwe ba le mo lenaneong la go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare.
Dr Moipopo o ne a tlholosa fa puso e ipeetse seelo sa masome a a ferang bongwe mo lekgolong lefatshe ka bophara go bona gore e lwantshwana le mogare wa HIV le dikgwetlho tsa teng.
Baruti ba ne ba rapela kgatlhanong le bolwetse jwa AIDS le malwetse a mngwe gammogo le matshwenyego a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba a tshwana le kgokgontsho ya bomme le bana, dipolaano, nno tagi le a mangwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : tshimolodiso ya kgwedi ya thapelo
Date : 11 Sep 2018



