Breaking News

Lekgotla la baruti le abetse mogodi

11 Sep 2018

 Lekgotla la baruti kwa Radisele le abetse mogodi Mme Mmaheile Jabeng dijo e le go supa mowa wa kutlwelebotlhoko.
Modulasetilo wa lekgotla leo, Moruti Lobelo Lubinda o boletse mo potsolotsong le BOPA fa dikereke di tshwanetse go ema ka dinao go thusa puso ka go supa mowa wa kutlwelobotlhoko le lerato mo bagoding le setshaba ka kakaretso.
Moruti Lubinda wa kereke ya Pentecostal Church kwa Radisele, a re lengwe la maikaelelo a makgotla a baruti ke go tshwaragana le puso go bona gore matshego a a rotloetsang gore setshaba se nne kutlwelobotlhoko a a atlega.
A re kereke e na le boikarabelo jwa go bona botshelo jwa motho bo fetogile, ke ka moo ba neng ba tsaya tshwetso go thusa Mme Jabeng yo o dingwaga di masome a a ferang bobedi le botlhano ka dijo morago fa go lemoga fa a ka seke a kgone go iphataphatela ka ntata ya bogodi.
“Go aba ke go supa lorato lwa Modimo mo setshabeng mme e bile go supa fa Modimo a na le maatla mo go fetoleng dikgwetlho tse motho a kopana le tsone” a bua jalo.
Moruti Lubinda a re go botlhokwa gore baruti ba tshwaragane le puso go thusa ka dithapelo go lwantsha dikgwetlho tse lefatshe le di itemogelang di akaretsa lehuma, borukuthi, dipolaano le tse dingwe.
Kgosi Abraham Thuto wa kgotla ya Mmapetwana kwa Radisele a re dikereke di tshwanetse go bopagana, a akgola lekgotla la baruti la Radisele go bo le thusitse mogodi ka dijo.
Kgosi o ne gape a rotloetsa lekgotla leo go tswelelela ka mowa wa bopelotlhomogi, a tlatsa ka go re bagodi ba tshwanetse go tlhokomelwa ke setshaba, segolo bogolo banana ka ba ka anywa go le gontsi mo go bone.
“Bagodi ba tshwere ditso tsa lefatshe tse basha ba tlhokanang le go di itse.
Fa re tlhaelelwa re ka tsaya sengwe mo go bone mme gore re kgone go ithuta mo go bone, re tshwanetse go ba tlhokomela ka tsotlhe tse ba di tlhokang” a tlhalosa jalo.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Radisele, Kgosiemang Monare a re kereke e na le seabe se segolo mo go tlhabololeng lefatshe, ka jalo a rotloetsa dikereke go tswelela di tshwaragane le puso.
A re puso e ka lemoga bomosola jwa dikereke fa di tsentse letsogo go thusa setshaba ka ditiro di tshwana le tsa bopelotlhomogi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : RADISELE

Event : Potsoloso

Date : 11 Sep 2018