Breaking News

Go itse melawana ya nwa bojalwa go ka thusa

11 Sep 2018

 Lekoko le le tsamayang le tsaya megopolo mo setshabeng ka tiriso ya bojalwa le dinako tsa thekiso ya jone le sa tswa go tsaya megopolo e e ntshitsweng ke Bangwaketse bosheng.
Banni ba Kanye ba boletse fa dinako di tshwanetse go bosediwa kwa di neng di le teng bogologolo le gore thuto e nne e e tseneletseng mo setshabeng ka go nwa bojalwa ka kelotlhoko go tila ditlamorago tse di maswe. Rre David Kerekang wa kgotlana ya ga Mahikana, a re bojalwa jwa sekgoa ke jone bo tshwenyang ka bo nowa ke banana bosigo le motshegare.
O boletse fa jwa Setswana jo bo dirilweng ka mabele bo siame e bile bo nowa ke bagolo bo sa tshwanelwa go beelwa dinako. Rre George Abotseng o boletse fa bojalwa e le mmaba bo tshwanetse go beelwa dinako, gape batho ba rutwe ka bodiphatsa jwa jone.
O boletse fa jwa Setswana jo bo senang selabe bo sa tshwanelwa go sokodisiwa ka gore bo nowa thata ke bagolo mo medirong jaaka manyalo. Sengwe sebui, se ne sa tlhalosa fa bojalwa jwa Setswana bo sa tshwanela go direlwa diteseletso ka gore bo nowa ke bagolo ka dinako tse di siameng mo motshegareng.
A re ipapatso ya bojalwa e emisiwe. Mme Omphile Kesekang o boletse fa majalwa a a itirelwang a a sa letlelelweng a tshwanetse go emisiwa, e bile a sekgoa a fokodiwe bogale.
Rre Letshwao Jane o batla bojalwa bo emisiwa gotlhelele fa Rre David Mabote ene a kopile gore lekgetho la bojalwa le emisiwe. O dumalane le Rre Moagi Gabanakgosi gore lekgetho le emisiwe mme melawana e obamelwe.
A re bojalwa bo rotloetsa metshameko gape ga go na lefatshe le le sa rekiseng bojalwa. Rre Mpho Kenosi a re ‘mashi ke tswa thobeng ke le nosi.BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Tshiamso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Sep 2018