Ngwanathebe o ipelega ka matlalo
10 Sep 2018
Mme Tumisang Ngwanathebe wa Makopong o dirisa kitso e a e amuleng mo go nkukuagwe go ipelega.
Mme yo, a re o sale a inaakantse le kgwebo e ka 1992, a sena go fetsa Form Two kwa sekoleng se segolwane sa Motaung.
A re o ne a ikopanya le ba Skins and Hides kwa Molepolole ka 2010, mme a tsena dithuto le bangwe ba le lesome le bone, a tlhalosa fa a ne a tswelela ka go ikoketsa dikitso mme a tsena ithutuntsho ya go tlhatlhoba kwa BOTA.Mme Ngwanathebe a re lephata la diphologolo le makgabisanaga le ne la mo isa ithutuntshong ya go tlhokomela bareki kwa BNPC mme ba mo solofeditse go mo isa kwa go ya go rutuntsha.
Kwa ntleng ga go ikoketsa dithuto, a re o setse a fentse seetsele sa ditshupo tsa bomme makgetho a le mararo ka tatelano go simolola ka 2012.
A re ba lephata la thuto go tswa kwa moding ba ne mo kopa go ruta bana kwa OSET kwa Kang, mme o setse gape a rutuntshitse ba bangwe ka fa tlase ga lenaneo la Nyeletso Lehuma kwa Molepolole.
Mo nakong ya gompieno, Mme Ngwanathebe a re o rutuntsha bangwe kwa New Xade go roka le go suga matlalo.
Mosimolodi yo wa khamphani ya Skins and Things Consultancy o tsweletse a bolela fa dithuto tsa suga le go roka matlalo di tsaya lobaka lwa dibeke tse thataro.
O tlhalosa fa bomolemo jwa go latela baithuti e le gore o felela a ba lemotsha ka dimela tse di mo tikologong ya bone tse ba ka di dirisang go taka matlalo mme e bile di sa kgotlele tikologo.
Mme Ngwanathebe a re tshugo ya gagwe e farologana le ya bogologolo ka jaana bagologolo ba ne ba dirisa boboko mme matlalo a nne le monko.
Mme yo o suga matlalo a diphologolo tsa gae di tshwana le dipodi, dinku le dikgomo fa a diphologolo tsa naga a a reka.
O tlhalositse fa a ne a kile a fiwa teseletso ya go tsoma diphologolo tse dinnye mme ka nako ya gompieno e emisitswe, a tlatsa ka go re o itomagantse le ba ba ruileng diphologolo tsa naga mme fa motsumi a sa tsaya letlalo ba a le mmeela.
O boletse fa e rile ngogola a tsamaya le ba WIBA kwa Lesotho mme batho ba kgatlhegela beke ya gagwe ya dimpho e a e dirileng ka letlalo.Mme Ngwanathebe a re o setse a kile a rekisetsa batho ba ba bokgakaleng jwa Jeremane, China le India.
A re diphate tsa gagwe tsa matlalo di rekwa thata kwa ga Mmangwato ka nako ya manyalo, fa dithebe tsone a di direla dikgosi jaaka a kile a e direla peo ya ga Kgosi Basadi Seipone wa Kang.
A re lengwe letlalo le ne la rekwa ke banni ba Mogoditshane ba le rekela Kgosi Solomon Dihutso fa ba dikhansele bone ba reka mekgabisa ya mo maboteng.
O tlhalositse fa maikaelelo e le go ipulela sekole sa ithutuntsho se se feletseng mme o setse a beilwe setsha sa kgwebo kwa Molepolole.
“Matlalo ke teemane ya bobedi ya lefatshe, gone jaana dikhukhu tsa me tsa matlalo di rekilwe tsotlhe, mme e ne e le lantlha ke di dira,” ga wetsa Mme Ngwanathebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : MOLEPOLOLE
Event : Posolotso
Date : 10 Sep 2018



