Kamuso ka lebele e sireletsa lesea mmangwana
10 Sep 2018
Go kailwe fa kamuso ka lebele e le yone makgonatsotlhe mo botsogong le botshelo jwa ngwana gammogo le mmangwana.
Seo se tlhalositswe ke mooki wa kokelwana ya Rungwane kwa Thamaga Mme Neo Bolele jaaka ba ne ba tshwere thuto-puisanyo go rutuntsha banana le bomme ba Gakgatla ka botlhokwa jwa kamuso ka lebele bosheng.
Mme Bolele o tlhalositse fa kamuso ka lebele e ka fokotsa lehuma mo lwapeng, a supa fa mmangwana a sa tlhokane le go dirisa madi go reka mashi ka jaana a nna a le teng fela ka dinako tsotlhe, mme seo se thuse gore ditiro tse dingwe tsa mo lwapeng le tsone di dirwe sentle.
O tlhalosa gore kamuso ka lebele e thusa gore ngwana a gole sentle a itekanetse, a gatelela fa mashi a lebele a na le dikotla tsotlhe tse ngwana a di tlhokang.
A re seo gape se thusa le mmangwana gore a tsoge sentle mo mmeleng, segolo jang morago ga pelegi, a tlatsa ka go re mme a ka se tshabelelwe ke go tsenwa ke bolwetse jwa kankere ya mabele.
O bile a tlhalosetsa banana le bomme ba ba neng ba tsene thuto-puisanyo eo gore kamuso ka lebele e fokotsa tlala mo ngwaneg ka jaana ngwana o nna a kgotshe, a kaya fa mashi a lebele a nna a le bothitho jo bo lekanetseng.
Mme Bolele o bile a gatelela gore kamuso ka lebele e thusa puso go fokotsa ditshenyegelo, ka jaana go sa dirisiwe madi a mantsi go reka mashi mme e bile a rotloetsa bomme le banana ba Gakgatla go ikamanya thata le go amusa ka lebele.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa boitekanelo mo kgaolong ya Thamaga Mme Wangu Fanani o ne a tlhalosa fa mashi a lebele a le botlhokwa mo kgolong ya ngwana ka jaana a na le metsi a selekanyo sa masome a robabobedi le botlhano mo lekgolong a a kaileng fa a le botlhokwa mo botsong jwa ngwana, segolo jang yo o santseng a le dikgwedi tse di kwa tlase ga borataro.
A re kgatsele a na le dikotla tse dintsi di tshwana le tse di agang mmele mme a supa fa mashi ao e bile a tlhatswa teng ya lesea.
Mme Fanani o gateletse fa kamuso ka lebele e thusa bomme go katolosa tsholo, a kaya fa seo se ba neela nako ya go godisa bana sentle ka lorato lo lo lekanenetseng, ka jaana go tsisa lorato le lontsi fa gare ga ngwana le mmaagwe.
E ne e rile go le pele fa a afa mafoko a kamogelo Kgosi Lenyetse Moshapa wa Gakgatla a kgothatsa ba-tsena thutopuisanyo eo go tsaya thuto e ba e neelwang ka tlhoafalo ga mmogo le go abelana le ba bangwe ka jaana bontsi jwa banana e le bone ba ganang go amusa ka lebele.
Kgosi Moshapa a re ke nako ya gore bomme ka bontsi ba boele kwa kamusong ka lebele, ka jaana go kailwe fa ngwana yo o anywang lebele a tshabelelwa ke go nna botlhale mme e bile a sa tshabelelwe ke malwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : GAKGATLA
Event : Thuto-puisanyo
Date : 10 Sep 2018



