Kgosi o lela ka letlhoko la mapodisi mo motseng
10 Sep 2018
Kgosi Gofentsemang Ramosesane wa Mmanoko mo kgaolong ya Kweneng o kaile fa go tlhoka mapodisi mo motseng wa gagwe go sa ba jese di welang.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Kgosi Ramosesane o tlhalositse fa seemo seo se ba baya ka fa mosing, ka jaana bontsi jwa banni, segolo jang banana ba akga maoto fela, a supa fa boitsholo jwa bone e le jo bo sa siamang.
O bile a re mo nakong eno, motse wa gagwe o gola thata, a tlatsa ka gore o kabo o setse o na le ofisi ya mapodisi a a ka thusang go laola seemo.
O tsweletse a tlhalosa fa mo nakong eno, ba na le baithaopi fela, selo se a kaileng fa se tshwenya thata, ka ba sena botsipa, e bile a supa fa seo se baya matshelo a bone mo diphatseng ka ba dira tiro ya bone ba sena ditsompelo.
O bile a gatelela gore baithaopi ga ba kake ba kgona ba le nosi, ka jaana go na le dikgang tse di tlhokang mapodisi.
O ne a fa sekai ka medumo e e kwa godimo e e dirwang ka diletso mo motseng le dintwa tsa kwa dibareng.Kgosi Ramosesane o ne a gatelela fa e le ene lepodisi mo nakong eno ka jaana fa go tlhagoga mathata mo motseng nako nngwe le nngwe, batho ba bitsa ene go tla go thusa.
O ne a supa gore gantsi fa ba kopa thuso kwa ofising ya sepodisi ya Molepolole, ba tsaya nako go ka goroga, selo se a kaileng fa se tshwenya, ka jaana gantsi ba ofisi eo ba bua fa ba na le tlhaelo ya dikoloi, mme a supa fa ba a tle ba dirisane le mapodisi a Gamodubu go ba tswa thuso ka bofefo.
E re le fa go ntse jalo, Kgosi Ramosesane o ne supa fa seemo seo sa letlhoko la mapodisi se dira gore ba tsee mosepele go ya go sekela dikgang tsa borukutlhi kwa Gamodubu, a kaya fa seo e le go imetsa kgosi morwalo ka jaana a na le thata ya go tsamaisa dikgang tseo, mathata e le go tlhoka lepodisi le le ka di tsamaisang.
O bile a re seemo seo se dira gore dikgang dingwe basupi ba tsone ba felele ba latlhega ka jaana di tsaya nako go ka sekwa.
E rile a tswa la gagwe motshwarelela mookamela mapodisi a Molepolole, Assistant Superintendent Gontse Segale o ne a tlhalosa fa go ise go nne le mapodisi kwa Mmanoko.O ne a tlhalosa fa e le boammaruri ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la dikoloi ka jaana sepodisi sa Molepolole se thusa kgaolo di le lesome le boraro, selo se a kaileng fa se dira gore ba tsee nako go ragogela seemo.
Assistant Supt Segale a re tsotlhe tse di maleba di tlaa dirwa gore motse oo, o nne le mapodisi ka jaana o setse o godile, a supa fa ba dira ka bojotlhe go thusa Mmanoko le fa ba tlhaela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : MMANOKO
Event : Posolotso
Date : 10 Sep 2018



