Breaking News

Moopelo wa Sekeresete o nonotsha tumelo

10 Sep 2018

Go kailwe fa moopelo wa sekeresete e le tsela nngwe ya go anamisa lefoko la Modimo le go isa poloko kwa sechabeng. 

Se se builwe ke moopedisi  wa khwaere ya kereke ya UCCSA  ya Trinity kwa Gaborone Mme Bontle Gaboutloeloe jaaka ba mokgatlho wa kereke eo wa kgaolo ya Kolobeng ba ne ba tshwere maitiso a dikhwaere ka Matlhatso kwa Molepolole. 

Mme Gaboutloeloe a re moopelo wa serekesete go le gantsi o dirisiwa go atolosa thero ya moruti le go nonotsha go isa lefoko la Modimo kwa setshabeng. 

O tsweletse a tlhalosa fa go tswa goo-Lowe Bakeresete ba neetswe thomo ya go isa poloko kwa bathong mme a supa fa moopelo e le nngwe tsela ya go fetola maikutlo a motho. 

A re moopelo oo wa sekeresete o tshwanetse go simolola kwa Moding, a kaya fa motho a tshwanetse go o rutwa a sale monnye, a tlatsa ka go re fa motho a setse a na le bokgoni jwa go opela mo kerekeng, o letlelesega go ka tsena mo khwaereng ya kereke. 

Mme Gaboutloeloe o ne a gatelela gore moopelo o batla boineelo, a supa fa motho a tshwanetse go tlhaloganya pina ga mmogo le go itse gore ba ba e opelang ba a e tlhaloganya gore ba tle ba ise molaetsa o o maleba kwa bathong. 

O ne a kgothatsa baopedi go tswelela ba opela ka botswerere le botswapelo, a re go botlhokwa gore ba nne ba kopana ka moopelo e le baopedi ba UCCSA go gakololana ga mmogo le go obama mmogo.

E rile fa a rola maikaelelo a maitiso ao, mokwaledi wa dikhwaere tsa Kolobeng, Mme Rwesang Kaisara a re ba kopana morago ga dingwaga tse pedi e le direkere tsa Kolobeng go dira maitiso a moopelo go kokoanya madi go thusa mo ditirong tse di farologanyeng tsa kgaolo. 

A re ba dirisa maitiso ao go godisa kopelo ya kereke ya UCCSA, a supa fa maitiso ao a le mo ngwageng wa bolesome a ntse a tshwarwa. Mme Kaisara o tlhalositse fa kgaolo ya bone e simolola kwa Mochudi mme e akaretsa Gaborone le metse e e mabapi le Kweneng. 

E rile a afa mafoko a kgothatso motlhatlhelela dithuto tsa moopelo Rre Wonderful Ndlovu o ne a tlhalosetsa baopedi fa moopelo o dirisediwa go bua le setshaba ka jalo ba tshwanetse ba o tsaya ka tlhoafalo. 

A re go botlhokwa gore fa motho a opela, a tlhaloganye molaetsa o a batlang go o neela setshaba, a supa fa motho a tshwanetse go ntsha mafoko a a utlwalang sentle gore go nne le sengwe se motho a ka se utlwanag mo kopelong eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepang Segola

Location : MOLEPOLOLE

Event : Maitiso

Date : 10 Sep 2018