Breaking News

VDC ya Bokspits e kgobokanya madi

09 Sep 2018

Komiti ya ditlhabololo ya motse wa Bokspits mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, e sa tswa go rekisa dithoto tsa kago bosheng go kgobokanya madi.

Mo puisanyong, modulasetilo wa komiti eo, Mme Catherine Bezuidenhout o tlhalositse fa ba ne ba lemoga fa ba na le seemo sa matlwana a boiteketso a baeng mme ba tswa ka mogopolo wa go aga ntlwana ya lehuti ka ba na le letlhoko la metsi mo kgaolong ya bone.

O boletse gore fa metsi a seyo, baeng ba bone ba tlamega go dirisa matlwana a boitiketso a a kwa ntlung lohalahala, mme se se seke se ba bee sentle fa pele ga batho ba ba dirisang matlo ao.

A re e ne ya re fa Phatwe a ya fifing, ba rulaganya ditlhogo go bona tharabolola ya seemo se.

A re ba ne ba dumalana e le komiti go rekisa dithoto tsa komiti tsa kago tse di dirisitsweng di akaretsa disenke, dipolanka le tse dingwe gore ba kgone go bona madi a ba ka agang matlwana a boitiketso ka one.

Mme Bezuidenhout a re moono mogolo e ne e le go aga matlwana a lehuti a mantsi ka lebaka la gore motse wa bone o na le letlhoko le legolo la metsi. 

O tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go simolola dikago mo bogautshwaneng, ka ba setse ba kgonne go kgobokanya madi.

Mme Bezuidenhout o boletse fa maikaelelo a komiti ya VDC e le go tlhabolola motse ka go tswa ka megopolo, e seng go baya sengwe le sengwe fela mo maruding a puso. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Wilfred Rautenbach

Location : BOKSPITS

Event : Posolotso

Date : 09 Sep 2018