Bojalwa ga bo robatse ba Majwanaadipitse
09 Sep 2018
Moithaopi wa lenaneo la fokotsa dino mo lephateng la botsogo kwa Majwanaadipse Rre Neo Molefi a re banana ba dirisa nnotagi ka selekanyo se se kwa godimo, selo se a reng ga se a siamela botsogo jwa bone.
O buile jaana fa ba lephata la botsogo ba ne ba ile go dira patlo maikutlo ka tirso ya nnotagi kwa Majwanaadipitse bosheng.
Rre Molefi a re fa batho ba le mo kgatelelong ya nnotagi ba dira dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go tlhapatsa ba bangwe, go lwa ba tlhabana ka dithipa mo go felelang ba bangwe ba latlhegelwa ke matshelo.
O ne a re bana le bagolo go tshwana fela mo motseng wa bone fa go tsena mo kgannyeng tsa nnotagi.
A re batsadi ba bangwe ba felela ba sena boikarabelo jwa go tlhokomela ba malapa a bone ka ba tsaya nako e ntsi ba le kwa marekisetso a bojalwa.
Mongwe wa ba ba neng ba le mo thuto-puisanyong eo Rre Mokganedi Raboloko a re bone ba itshetsa ka bojalwa, mathata ke gore bommasepoto le banwi ba bojalwa ga ba obamele dinako tsa go bula le go tswala marekisetso a bojalwa.
O ne a gatelela kgang ya gore batho fa ba setse ba nole bojalwa ba tlhoka botho.
Rre Raboloko a re ba tshwenngwa ke batho ba ba lalang ba letsa diletso bosigo jotlhe mo go sa siamelang bana ba sekole ka gore ga ba kgone go reetsa kwa sekoleng ka ba a bo ba lapile, mo go felelang go ama maduo a bone.
Mooki wa balwala tlhaloganyo go tswa kwa sepateleng sa Sekgoma Memorial, Mme Melitah Kabelo o ne a ba botsa dipotso di tshwana le gore ba eletsa gore bojalwa jwa Setswana bo ka rekisediwa kae, a lekgetho la bojalwa le okediwe, le gore a bojalwa jwa Setswana bo tshwanetse go nna le teseletso ya go bo rekisa.
Mo dikarabong tsa bone banni ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le gore bojalwa jwa Setswana bo tseelwe teseletso ka gore bo dirisediwa ditiro tse dintsi tsa Setswana jaaka diphekolo, le gone bo tshwanetse go rekisediwa mo malwapeng ka gore ke bojalwa jwa setso.
Ba ne ba re ga ba dumalane le gore lekgetho la bojalwa le okediwe ka gore seo se ka ba kokonela mo botshelong mo ba tlaa felelang ba palelwa ke go tlhokomela ba malapa a bone ka gore madi a tlaa bo a ya kwa lekgethong la bojalwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : MAJWANAADIPITSE
Event : patlo maikutlo
Date : 09 Sep 2018



