Kereke ya Holy Galilee e supa lorato
09 Sep 2018
Kereke ya Holy Galilee e akgoletswe go supa lorato le go tsaya karolo mo go bopeng setshaba sa Botswana.
E rile a bua fa kereke e abela bagodi dikobo le paka ya bana ba sekole kwa Mahetlwe ka Matlhatso, Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane Rre Vincent Seretse a akgola kereke go bo e bone go le maleba go abela ba ba tlhokileng lesego, a re se ba se dirang se rutwa le ke Baebele.
Mopalamente o boletse fa maitlamo a kereke a go nonotsha manyalo, a tsamaelana le se puso e se eletsang ka e tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa ditlhalo.
O boletse fa kereke e tsaya karolo mo go tsa thuto.
A re seo se botlhokwa ka e tlhabolola matshelo a batho, mme le itsholelo ya lefatshe e go, ka jalo ba Holy Galilee le bone ba na le seabe mo go godiseng itsholelo.
Rre Seretse o tlhalositse fa kereke e bopa setshaba, e thusa baeteledipele gore ba seka ba nna le boikgogomoso, mme ba etelele batho pele ba dirisa botlhale jo ba bo filweng ke Modimo.
Mohumagadi wa Bakwena, Mma Tumagole o ne a akgola kereke go diragatsa thomo ya Modimo.
A re ka dithuso tse ba di abelang setshaba, kereke e tokafatsa matshelo a batho, ka jaana e itlamile go dira gore lefatshe e nne bonno jo bo siamteseng mongwe le mongwe.
Mma Tumagole o tlhalositse fa go aba e le tiro e e ratwang thata ke Modimo, ka jalo a re ba ba abang ba tlaa segofadiwa mme a kopa dikereke tse dingwe go tsaya malebela.
Fa a itebaganya le ba ba abetsweng, Mohumagadi Mma Tumagole o ba kopile gore ba amogele dithuso ka lorato, ka ba di abetswe ka lorato.
Maloko a kereke eo go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe, ba ne ba abela bagodi ba Mahetlwe ba le masome a mane dikobo, fa baithuti ba le lesome bone ba filwe paka ya sekole le ditlhako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAHETLWE
Event : Kabo dimpho
Date : 09 Sep 2018



