Luma ga a a adima tshwene marapo
09 Sep 2018
Go setse go itshupile mo setshabeng gore bomme le bone ba na le bokgoni go ka nna le seabe se se bonalang mo mererong ya go ka tokafatsa le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno.
Se se rurifaditswe ke Mme Dinah Luma wa Tati Siding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, yo o inaakantseng le kgwebo ya go roka diaparo ka mefuta le go di tshwaya.
Mme Luma, wa dingwaga tse di masome matlhano, o tlhaloseditse BOPA mo potsolosong gore o sa le a tsene mo kgwebong e ka 2015. Kgwebo ya gagwe e bidiwa Lum Agencies.
Kompone ya gagwe e itebagantse le go roka diaparo, mme segolo bogolo e tumile thata ka go roka paka ya dikole tsa Tati Siding le metse e e mabapi.
Mme Luma a re ene o tshedile e le mmereki mo marekisetsong ka go farologana a a akaretsang PEP e le mongwe wa baeteledipele, a sa itse sepe ka go roka.
Fela mme o supa fa kwa a tlholegang teng kwa Hukuntsi, a tsalwa mo lelwapeng le le tumileng ka dikgwebo tsa go roka, a supa fa mogolowe e le m tlhatlhelela dithuto tsa go roka kwa sekoleng sa ithutelo tiro sa Kang.
A re mogolowe yoo ga a a itebaganya le go tlhatlhelela dithuto fela ka jaana fa a se kwa tirong a roka diaparo tsa manyalo.
Mme ke gone e neng ya re ka 2015, a nna le mogopolo wa go tlogela tiro ka maikaelelo a go ipereka, mme kakanyo e e neng ya mo rothegela e nnile go tsena mo kgwebong ya go roka.
“Ke ne ka ikgolaganya le nkgonne go tsaya malebela le botsipa jwa go roka ka maikaelelo a gore kwa pheletsong ke itshimolele kgwebo,” a tlhalosa jalo.
O ne a supa fa le ene a batla go tsweledisa serodumo sa losika lwa gagwe, sa go nna bomankge ba baroki, mme e ne ya re morago Mme Luma a kgona go kwatabolotsa botsipa mme mogolowe a lemoga seo ka go mo abela dingwe tsa ditsompelo tse di tlhokegang go ka roka.
Ka madi a a neng a na le one, o ne a kgona go itsholetsa a reka ditsompelo tse a neng a di tlhaela mme a seka a tlhola a gadima kwa morago, a diragatsa maikaelelo le maikemisetso a gagwe a go nna moroki.
Lum Agencies e setse e na le badiri ba le batlhano, mme e bile keletso ke gore e gole e tle e tswelele ka go bula diphatlha tse dingwe tsa mebereko.
“Kgwebo e ya me e dirile pharologanyo mo matshelong a me, ka ke kgona go itlamela le ba lelapa lame, ka dipoelo tse ke di bonang, mme e bile gape le bone badiri ba ke dirang le bone ba kgona go itshetsa,” a supa jalo.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore fa o le mogwebi o nne le lorato, boitshoko le boineelo mo kgwebong epe fela ka dinako tsotlhe.
Gape o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa go dira dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo le go di dira ka nako e le dingwe tsa konokono tse di tlhokafalang gore kgwebo e tswelele.
O tlhalositse fa dilo tse di ka thusa gore le ka nako e kgwebo e sa direng sentle o le mogwebi, o kgone go tswelela pele, go na le gore o kgobege marapo go ka emelelana le diemo tse di ka tlhagogang.
Mme Luma o bile a gwetlha bomme ka ene go tsepama, ba eme ka dinao gore matshelo a bone a gatele pele.
A re bomme ba tlogele mowa wa go inyatsa mo botshelong gore ga ba na bokgoni, a tlhalosa fa selo se segolo se se tlhokegang e le gore ba itsenye mo bagwebing ba dikgwebo tse ba eletsang go di dira ba tsee malebela go tla go ikemela ka bonosi.
Gape o ne a paka fa mo malatsing ano a letlhoko la ditiro, ditiro tsa diatla e ka nna tsone tse di ka ba thusang go itlhotlhora manokonoko a go tlhoka tiro.
Mme Luma o kaya fa kgwebo ya gagwe e setse e itsege mo mafelong ka go farologana, a supa fa a roketse dikole tsa Masunga le Dukwi.
A re o na le toro gore mo isagong, a bo a na le madirelo a a rokang diaparo le go di tshwantsha. Mme Luma o bile a bolela fa go dira sentle le babereki go le botlhokwa go godisa kgwebo.
O boletse gore fa le bereka mmogo le tshwanetse go dira ka kagiso, kutlwano le therisanyo mme e bile le abelana dikgakololo le maele a go godisa kgwebo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : TATISIDING
Event : Posolotso
Date : 09 Sep 2018



