Mmereki o tshegeditse ngwao ya go suga matlalo
09 Sep 2018
E re le ntswa mo nakong ya gompieno ngwao e setse e nyelela ka bonya ka bonya, mabutswapele mangwe one a santse a e tshegeditse.
Rre Tuelo Mmereki yo o dingwaga di masome marataro le botlhano ke mongwe wa mabutswapele ba ba santseng ba tshwere ngwao ya go suga le go sega matlalo.
Rre Mmereki o tlhalositse mo potsolotsong fa a sa le a rutilwe go suga matlalo a sa le monnye ke Rraagwe bogologolo mme a tsaya thuto eo ka tlhoafalo ka a ne a bona e ka mo tswela mosola mo isagong.
O tlhalositse fa tiro ya go suga matlalo e le ntsi. Are kwa tshimologong pele ga letlalo le ka dirisiwa le simolola ka go bodisiwa mme le bewe malatsi a mantsi pele ga le ka tsena mo tirisong.
Rre Mmereki o tlhalosa fa letlalo le segelelwa go dira dikgole tse di telele tse e reng morago a bo a di thathelela mo legonnyeng a bo a di tshophelela mo setlhareng gore a simolole go di suga ntse a dikologa setlhare.
Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa dikgole di sugwa ka go di tshopharaganya mme go tswa foo di dirisiwa kwa morakeng go katloa dikgomo.
Rre Mmereki o boletse fa pele a ne a itshetsa ka go roka ditlhako le go suga matlalo a dira ditweega mme e re morago a a rekise.
O ne a tlhalosa tiro ya diatla ya go suga matlalo e ne e le kgwebo e e neng e mo fa dipoelo tse di nametsang ka a ne a na le bareki ba le bantsi.
O tlhalositse fa a ne a ya go ithutela go suga matlalo kwa Molepolole ka 1984 go fitlha ka 1993.
O tlhalositse fa e ne ya re ka 1993 a ntse a le kwa Molepolole a bo a fetisediwa kwa Lobu ke puso go ya go ikoketsa dithuto.
A re kwa Lobu o ne a ithutela go suga matlalo a dirisa metswako ya dichefi ka pele a ne a dirisa setlhare sa mositsane.
Rre Mmereki o tlhalositse fa go boeleng mo gae mo Tsabong a itemogela fa metswako ya dichefi e ne e sa siama mme a boela kwa ngwaong e a e ithutileng ya go dirisa setlhatshana sa mositsane.
Rre Mmereki o tlhalositse fa a ne a emisa go suga matlao a dira dikgole ka 2016 ka mabaka a botsogo.
O boletse fa a ne a isiwa bongakeng kwa Princess Marina le kwa Afrika Borwa mme kwa phelelong ba bongaka ba mo laela go tlogela go suga matlalo, tiro e a supileng fa a ne a e rata bobe.
O tlhalositse fa a ne a leka go ngokela bontsi jwa batho mo tirong ya go bereka ka matlalo a ba fa thuto ya mahala mme ga seka ga nna le ope yo o supang kgatlhego ya go ithuta gotlhelele.
O supile fa mo nakong ya gompieno a na le botsogo jo bo botoka mme a tsere tshwetso ya go ya kwa Zimbabwe go ya go ithutela go dira ditlhako ka letlalo e seng go suga matlalo jaaka pele.
O kaile fa a ne a gwetlhwa ke tsala nngwe ya gagwe ya mo-Zimbabwe yo o neng a nna a reka matlalo a a sugilweng mo go ene a bolela fa a ya go a dirisa go dira ditlhako kwa Zimbabwe.
O boletse fa a lekile makalana a madi go mo thusa mme ba supa fa dingwaga di sa letle.
O ne a tlatsa ka go kgothatsa banana go inaakanya le mananeo a puso a ditiro tsa diatla go tlhamela ba bangwe ditiro le gone go tokofatsa matshelo a bone e seng go baya morwalo otlhe fela mo pusong ka go na le letlhoko le lentsi la ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Poloko Lekhutlile
Location : MAUBELO
Event : Posolotso
Date : 09 Sep 2018



