Breaking News

Lorato ga lo patelediwe

09 Sep 2018

Lorato ke mpho e e tswang kwa Modimong, e e ka tshikhinyang dithaba, e bile ga go sepe se se ka palang fa se dirwa ka lone.

Mafoko a, a builwe ke Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena fa bomme ba mokgatlho wa kereke ya Wesele ya Lobatse ba ne ba abela dimpho baithuti ba dithuto tse di faphegileng ba sekole se sebotlana sa Bothakga kwa Lobatse ka Labotlhano.

Rre Mokwena a re gape lorato ga lo patelediwe, ke ka moo bomme ba mokgatlho ba boneng go le botlhokwa go dira ka lorato phetogo mo matshelong a baithuti bao.

A re fa motho mongwe le mongwe a ne a ka kgona go kala selekanyo sa lorato lo a nang le lone a lo dirisa ka nnete mo go siameng, lefatshe lotlhe le ka fetoga, mme batho ba tshela ka kagiso.

O ne a tlhalosa gore Mother Theresa o ne a bua gore lefatshe le tlhakatlhakane ka lebaka la gore ga go na lorato.

Rre Mokwena a re batho ga ba na lorato ba mo lobelong lwa khumo le manobonobo, a tlatsa ka go re fa motho a sa neele ngwana wa gagwe lorato ga go na jaaka a ka lo fa ngwana wa motho yo mongwe.

 A re banyalani le bone ga ba sa tlhole ba abelana lorato, a tlhalosa fa lorato lo seyo kwa malwapeng le mo ditirong, ka batho ba siana fela fa morago ga dikhumo.

A re go botlhokwa gore lorato lo bonale gongwe le gongwe, ka jalo a kgothatsa mekgatlho le diphuthego ka go farologana gore ka motlha wa bofelo, ba tlaa bodiwa gore ba ne ba thusa batho ba le kae ba ba neng ba na le letlhoko.

O ne a kgothatsa bomme ba Wesele gore ba seka ba inyatsa ka gore Modimo o bona tiro e tona e ba e dirang.E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa bomme wa Women’s Fellowship Movement, Mme Bunie Ditshwane a tlhalosa fa maikaelelo a mokgatlho wa bone e le go aga setshaba ka lorato jaaka ba abela baithuti ba thuto e e faphegileng ba supa le gore ba a kgathala.

 Mme Ditshwane a re ba direla Modimo fela jaaka go kwadilwe go twe rata monka wena jaaka o ithata, le gone go supa tumelo e e nang le ditiro, a tlatsa ka go re ba supa gore lorato lo pelotlhomogi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Kabo dimpho

Date : 09 Sep 2018