Breaking News

WIBA e thusa bomme ba dikgwebo

09 Sep 2018

 Mme Okopane Tshekelo wa Bodibeng mo Maun o lebogela dithuso tsa madi go tswa kwa mokgatlhong wa bomme ba ba mo dikgwebong wa Woman in Business Association (WIBA).

Mo potsolosong le BOPA bosheng, Mme Tshekelo wa kompone ya Highlanders Enterprises a re mokgatlho wa WIBA o mo thusitse ka P67 000 go tsosolotsa kgwebo ya gagwe e e neng e phutlhame ka lebaka la go tlhoka madi.

A re WIBA e mo thusitse ka madi ao ka selekanyo sa morokotso wa lesome mo lekgolong, selo se a supileng se mo godisitse go nna mogwebi wa popota mo kgaolong.

“Kgwebo ya me e dira sentle e bile ke setse ke itsege mo kgaolong yotlhe ka ke rekisetsa batho ba Sehithwa, Bodibeng, Kareng le ba Maun tota.

O supile fa a dira dipoelo tse di nametsang ka go bo a rekisetsa le khansele-potlana ya Maun Administrative Authority e e agelang batlhoki matlo ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Mme Tshekelo o supa fa a sena phadisanyo e ntsi mo kgaolong, ka a na le botsipa jo bo kwa godimo mo kgwebong ya gagwe ka lebaka la dithuto le maele a a a tsereng kwa WIBA.

A re kgwebo ya gagwe e kgona go thapa batho ba le lesome go ya kwa go lesome le botlhano ka kgwedi, mme a ba duele P600 go ya go P1 000.

‘’Kgwebo ya me e kgona go duela madi a mantsi, go tswa fela gore ke bonye tiro kae ka gonne fa ke bonye tiro kwa khanseleng, ke kgona go duela bo P1 500 motho mongwe le mongwe.

O supa fa a setse a duetse bontlha bongwe jwa morokotso jwa selekanyo sa botlhano mo lekgolong.

Mme Tshekelo a re o kopane le mokgatlho wa WIBA ka 2012, mme a ikwadisetsa boloko jwa mokgatlho, ka jalo a letlelelwa go ka ikopela madi.

O gakolotse bomme go ema ka dinao go batla maele a botshelo go itshetsa, go na le gore ba nne kwa magaeng ba sa dire sepe.

O ne a tswelela ka go ba kgothaletsa go ikopanya le mokgatlho wa WIBA go kopa thuso.

Fa a ntsha la gagwe, tautona wa mokgatlho Mme Nametso Ntsosa-Carr a re mokgatlho wa bone o thusa bomme ba ba mo dikgwebong ka madi go tsweledisa, go tsosolosa le go godisa dikgwebo tsa bone ka selekanyo sa morokotso wa lesome mo lekgolong e le go batla go bona bomme ba dira sentle mo kgwebong.

‘’Re thusa bomme ka tlhwatlhwa e e kwa tlase go leka go ba rotloetsa le go ba godisa, go na le go ba isa tlase ka merokotso e e kwa godimo, e ba ka sekeng ba e kgone.’’

Mme Ntsosa-Carr o supa fa a nyoretswe go bona bomme ba tsena mo dikgwebong ka dipalo tse di kwa godimo go leka go tokafatsa itsholelo ya bone le ya lefatshe la Botswana.

 A re o motlotlo ka bomme ba ba tshwanang le Mme Tshekelo le Mme Moalusi Gaonakala wa kompone ya Pro-Kavy kwa Francistown, ba ba tsweletseng sentle mo dikgwebong tsa bone morago ga go thusiwa ke WIBA.

‘’Go na le bomme ba bantsi ba re ba thusitseng e bile ba dira sentle mo dikgwebong, ka jalo re rotloetsa bomme ba bangwe ba ba mo dikgaolong go ema ka dinao go dira botshelo’’.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : potsoloso

Date : 09 Sep 2018