Breaking News

Ginger o ithusa ka dikgeru

05 Sep 2018

Mo kgotleng ya Maaloso kwa Maunatlala go Mme Mosetsana Ginger wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro.

Mme Ginger ke mme yo o sa batleng go nna ka mabogo ka a inaakantse le go thula dithapo tsa morula go dira dikgeru a di rekisa.

O boletse mo potsolotsong fa a na le bana ba roba bobedi, mme go lemogeng fa itsholelo ya gagwe e le kwa tlase a inaakanya le go sela dithapo tsa morula a di thula e le nngwe tsela ya go tsenya letseno.

O supile fa a nna thata kwa masimo a Molapong kwa ditlhare tsa morula di leng dintsi mme e a re fa a fetsa le tsa masimo fa go tla dipaka tsa morula a itebaganye le go sela morula mme e re dithapo tsa teng di sena go omelela a thule dikgeru.

Fela jaaka mmereko mongwe le mongwe Mme Ginger o tlhalositse fa dikgeru le tsone e le tiro e e tlhokang bopelotelele gore di kgone di kokotlesegele gore motho a tle a bone dipoelo.

A re o na le dingwaga di le pedi a ntse a dira tiro e mme fela mowa wa go itsapa ga o ise o tle mo go ene ka a setse a bone maduo a teng.

O ne a bua jalo a supa mogala wa letheka o a reng o o rekile ka madi a dikgeru.

O tlhalositse fa a simolola ka go apaya dithapo tsa morula gore e re a di thula di tswe di ipotokile di le dintle go kgatlha leitho la moreki.

Mme morago o di tsenya mo mephuthelwaneng ya dikhakha a di rekise dipula di le lesome sekhakha

Mme Ginger o ne a paka fa monate wa dikgeru o rokotsa mathe ka a re di kgona go jewa fela di ntse jalo, bangwe ba di tsenya mo setampeng fa bangwe ba di tsenya mo lehateng.

O gakolotse fa di tshwanelwa go tsenngwa fa setampa se setse se bodule go seng jalo di a nyera ka di le mafura mme go sale o kare ga di ise di tsenngwe.

O boletse fa a di rekisetsa fela mo lwapeng tse dingwe a eta a di baya fa go ba ba rekisetsang kwa tseleng gore ba mo rekisetse.

Le mororo dikgeru di na le dikgwetho ka a re o kgona go ikgolafatsa ka lentswe a ntse a thula, Mme Ginger o ikanne gore tiro e ga se e a ka e tlogelang.

O boletse fa kgwebo ka dikgeru e ise e nne ntsi mo kgaolong, selo se a reng se a mmerekela e bile o ka seke a ipone tsapa go tswelela a jesa ba lelwapa la gagwe ka dikgeru.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : MAUNATLALA

Event : Potsolotso

Date : 05 Sep 2018