Breaking News

Lucara e diragatsa maitlamo

05 Sep 2018

Mogolwane wa moepo wa Lucara Botswana Rre Ewetse Mathaba a re kompone ya bone e tsweletse sentle mo maitlamong le maikaelelo a yone a go thusa setshaba.

Rre Mathaba o buile jalo fa a tlhalosetsa makhanselara a kgaolo-potlana ya Boteti ka ditirelo tsa bone kwa phuthegong e e tsweletseng ya khansele ka Labobedi.

Rre Mathaba a re mo komponeng ya bone ba itebagantse le tshireletso le botsogo jwa babereki.

A re ba na le mananeo a botsogo a a itebagantseng le setshaba jaaka letsatsi la botsogo le maikaelelo a lone e leng go tsibosa setshaba ka boitekanelo, go ba rotloetsa go fetola ka fa ba tshelang ka teng.

O tlhalositse fa ba tshwara letsatsi leo ngwaga le ngwaga mo metseng e e farologanyeng maikaelelo e le go leka go rotloetsa gore ba fetole boitshwaro le go tsaya karolo mo botsogong jwa setshaba.

Rre Mathaba a re mananeo a bone a a itebagantseng le tsa tlhabololo a akaretsa katoloso ya matlhabelo le Karowe Village development initiatives.

A re bosheng ba ne ba simolodisa lenaneo la temo ya nosetso le thuo kwa motseng wa Mokubilo, a tlatsa gape ka go re ba ikaelela go dira marekisetso a didirisiwa tsa kago kwa Mmadikola, fa kwa Khwee gone ba tlaa simolodisa lenaneo la thuo ya dipudi, le go agwa ga lebala la metshameko le le nang le motlobo wa dibuka mo Letlhakane.

O boletse fa tona wa temo-thuo le tlhabololo dijo a solofeditse go ema nokeng lenaneo leo ka go romela bomaitsianape go thusa ka tse di tlhokegang.

O supile fa ba setse ba tsere banni bangwe ba metse e e amegang go ya go ithuta le go tsaya malebela kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe mo Gaborone.

Rre Mathaba o boletse fa lenaneo la matlhabelo ba le weditse mme e bile ba le roletse semmuso khansele le fa go santse go na le fa ba thusang teng.

O tlhalositse fa gape ba na le dikgaisanyo tsa mabelo a dibaesekele a a tshwarwang ngwaga le ngwaga a a tsenwang ke batabogi ba dibaesekele go tswa mafelong a a farologanyeng.

A re ba itlamile go rekela banana ba le barataro dibaesekele ba bo ba tsena mo setlhopheng sa bone.

Mokhanselara wa Letlhakane botlhaba Rre Ketshwereng Galeragwe a re keletso ya gagwe ke gore kotara nngwe le nngwe ya ngwaga, kompone ya Lucara e lekodise khansele ka ditirelo tsa bone.

Rre Galeragwe o ne gape a ngongoregela tsamaiso ya bone ya kepo ya diteemane a re e humanegisa Batswana.

O ne gape a supa matshwenyego ka tsamaiso ya leswe le le tswang kwa matlhabelong a re ba kopane le khansele go rarabolola seemo.

Mokhanselara wa Letlhakane Bophirima Mme Thato Modirwagale, o ne a botsa ba kompone eo gore ba dira eng ka seemo sa ditsela le metsi tse di mo Letlhakane.

Le fa go ntse jalo Mme Modirwagale o ne a ba lebogela go tswelela ba tsenya letsogo mo go thuseng setshaba.

Mokhanselara wa Mokubilo/Mmea Rre Phangi Resetse o ne a supa fa banni ba Mokubilo ba leboga kompone ya Lucara ka lenaneo le le simolodisitsweng kwa motseng oo bosheng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 05 Sep 2018