Breaking News

Ditagi di rontsha leso seriti

05 Sep 2018

Leso ga le sa tlhole le fiwa totla e e kalo ntateng ya batho ba ba yang diphitlhong ba le mo sediding sa nnotagi.

Go na le ba ba lemogang botlhokwa jwa go fa yo o tlhokafatseng tlotla ya bofelo mo lefatsheng fa bangwe bone ba sa lemoge botlhokwa jo ka ba kgona go gotlhagotlhana le tsamaiso ya tshisibalo.

Se se builwe ke Kgosi Rebagamang Rancholo wa Nata mo potosolotsong bosheng.

O tlhalositse fa dino-tagi di na le seabe se segolo mo go tlhokeng boitsholo ga batho mo diphitlhong.

A re batho ga ba tlotle phitlho ka ba kgona go tla ba nole bojalwa mo go felelang go dira gore ba bake modumo fa baruti le bagolo ba setse ba gomotsa ba lelwapa.

O ne a supa fa se se diragala thata ka nako ya ditebelelo ka batho ba setse ba tswa maitisong.

A re fa bangwe ba wetswe ke leso batho ba lala ba anwa bojalwa ba sa hutsagalele bangwe ka bone.

“Batho o fitlhela ba bua dikgang tsa bone ntswa moruti a rera ba sa tsenelele tebelelo,” a bua jalo.

A re ka nako ya tebelelo go tshwanetswe ga lalwa go opelwa dipina le go fa mafoko a kgomotso a a sidilang maikutlo.

Kgosi Rancholo a re ka tumelo ya sekeresete motho o a bo a tsamaile mme go sa tlhole go ka kopanwa le ene gope a re fa motho a sa mo fe tlotla eo o solofela gore ene o tlaa e fiwa ke mang.

O supa fa dikereke le tsone di kgotlhela dithulaganyo tsa leso ka di na le ditsamaiso tse di farologaneng.

A re morafe mongwe le mongwe o na le ngwao e o e dirang ka phitlho mme basha bone ga ba kgone go ithuta dithulaganyo tseo ka ntlha ya gore ba a bo ba le mo ditaging.

O supile fa batho ba setse ba fetola ngwao ka bangwe ba dumela gore motho o tshwanetse go tshujwa mme morago go bolokwe molora wa gagwe.

Kgosi Rancholo a re Batswana ba lebala kwa ba go tswang ka ditsamaiso dingwe di fetolwa ke ditlhabololo tsa botshelo tse di tlaa nyeletsang ngwao.

“Le ntswa re tlhabologile, leso ke la mongwe le mongwe, ka jalo re batla gore rotlhe re fiwe tlotla ya sebaka se sekhuthswane se re se tshidileng,” a rialo.

A re leso ga le diragetse kutlobotlhoko e a bo e le ntsi, ka jaalo batho ba tshwanetse go amogela seo go itsa go leswafatsa thulaganyo ya lone.

O supa fa bogologolo nama ya leso e ne e sa lokiwe e bile e ne e sa tsholelwe mo dijaneng mme e jelwa mo matlhareng a setlhare, tumelo e le gore go sanne sepe se se nnang monate mo nakong ya khutsafalo.

A re batho ba fetotse dilo, ka jalo ba tsaya leso jaaka kutlobotlhoko nngwe le nngwe.

A re bogoglogolo go ne go bolokwa ka letlalo la kgomo e ntsho ka gore lelwapa leo le a be le wetswe ke sefifi.

“Leso ke la botlhe, e seka la nna la ba lelwapa le le wetsweng ke seru fela,” a rialo.

O weditse ka go supa fa e le tiro ya dikgosi go rulaganya dintsho, ka jaalo dikgosi di tshwanetse go fiwa tlotla ya go phatlalatsa morafe gore ba kgone go ruta batho ka tsamaiso ya go fa diphitlho seriti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : NATA

Event : Potsolotso

Date : 05 Sep 2018