Breaking News

Banana ba rotloediwa go tsaya maikarabelo

05 Sep 2018

Mapodisi a Kanye a kgothaditse banana ba kereke ya Council Of God in Christ (COGIC) go ikgapha  mo borukutlhing.

Fa a buisa banana bao kwa Kanye ka Matlhatso, Lwetse a rogwa, mogolwane wa mapodisi a Sejelo, Inspector Gare Morries o ne a re  seemo sa borukutlhi se ile magoletsa kwa  Kanye.

Rre Morries a re batsadi ba tsee maikarabelo a go kgalemela bana ba santse ba le bannye gape ba kgaleme ka nako ee maleba fa bana ba dira phoso.

O tlhalositse fa banana ba Kanye ba letlelela mmaba go ba senyetsa bokamoso ntswa motse wa bone o segofetse ka o tletse ka bagaka ba ba kabong ba tsaya malebela mo go bone.

Rre Morries o kgothaditse basha go ikgapha mo go batleng dilo tse di tlang ka bofefo le go tshela botshelo jwa go phadisana le balekane, mme a kopa bana ba basetsana go emisa go tsamaya bosigo ba le nosi ka go le diphatsa mo matshelong a bone, a tlatsa ka gore ba a betelelwa ka dipalo tse di kwa godimo bosigo.

Rre Morries a re ba tshwenngwa gape ke dikotsi tsa tsela tse di ileng kwa godimo mo Kanye, a supa fa ka Hirikgong go tsena Phatwe monongwaga ba setse ba gatisitse dintsho tsa dikotsi tsa tsela di fera bongwe  fa ba tshwantshanya le tsa ngogola fa ba ne ba gatisa dintsho di le lesome le boraro go tswa ka Hirikgong go tsena Phatwe.

O ne a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela e le banana ka ba kgweetsa botlhaswa gape ba sa dirise lebante la itshireletso, a tlatsa ka go re banana ba ineeletse bojalwa mme e re ba fetsa go bonwa ba bo ba tsena mo dikoloing ba kgweetsa.

Rre Morries o kopile setshaba go dirisa lebante la itshireletso ka dinako tsotlhe fa ba tsena mo koloing.

A re ba lese go ipanta fela fa ba bona mapodisi, a tlhalosa fa lebante le le botlhokwa ka le sireletsa badirisi ba lone ka nako ya kotsi.

Rre Morries a re ba tshwenngwa gape ke batho ba ba kgweetsang dikara tsa ditonki ka ga ba di palame sentle, ka jalo o ne a ba rotloetsa go ikela tlhoko ka dinako tshotlhe fa ba di palame ka di ka gapa matshelo a bone fa go na le dikotsi.

O ne gape a kopa setshaba go ikgapha mo go kgweetseng dikoloi ba sena diteseletso tsa go kgweetsa ka go dira jalo e le molato.

O ne a kopa batsamaya ka dinao go ikgapha mo go bueng le mogala ba kgabaganya tsela le gore ba obamele matshwao a tsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Thuto-Puisanyo

Date : 05 Sep 2018