Go latolwa Kgosi Searobi
05 Sep 2018
Moemela kgosi yo mogolwane wa pele kwa Lotlhakane East Kgosi Searobi Searobi o tlhokafetse.
Se se rurifaditswe ke morwawe yo motona Rre Kebonemodisa Searobi mo potsolosong le BOPA ka Laobedi Lwetse a tlhola malatsi a mane.
Rre Searobi yo gape e leng ralekgotla kwa goora Kebonemodisa kwa Lotlhakane, o tlhalositse fa rraagwe a tlhokafetse ka Mosupologo kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo, a tlhokafalela kwa Mafikeng kwa a neng a ile bonkgakeng teng.
O tlhalositse fa moswi Rre Searobi a tshotswe ka 1932 e bile e ne e le Lelau ka mophato, mme a tlhokafala jaana a le dingwaga di masome a a ferang bobedi le borataro.
Morwa o tlhalositse fa rraagwe a tlhokafetse morago ga go lwala ka lobaka lo lo leele ka jaana a ne a simologelwa ke go tlhoka go tsoga morago ga go tlogela tiro ya bogosi ka bogodi ka 2016.
O tlhalositse gore Kgosi Searobi o ne a tlhongwa mo bogosing ke kgosi kgolo wa Bangwaketse, Kgosi Seepapitso IV ka 1986 e le ene kgosana wa ntlha wa Lotlhakane East.
A re pele ga Rre Searobi a nna kgosi o bereketse kwa meepong ya Afrika Borwa kwa a neng a itsenya sekole teng a tloga a tla go bereka mono gae e le mokgweetsi wa ga kgosi Bathoen mme morago a nna kgosi.
Go tlhalositswe fa Rre Searobi a ne a dira tiro ya bogosi gape e le molemi-morui, mme a tswelela ka temo le nako ya a tlogetse bogosi.
Ka nako ya kgang e e kwalwa dithulaganyo tsa phitlho di ne di ise di wele.
Moswi o tlogela mohumagadi le bana ba le lesome le motso; borre ba le babedi le bomme ba fera bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : LOTLHAKANE EAST
Event : Potsolotso
Date : 05 Sep 2018



