Kereke e tswa batsetsi Thuso
05 Sep 2018
E rile bosheng kereke ya Spring of water of Life kwa Mosweu ya abela kokelwana ya Mosweu le Mokokwana mesangwana ya batsetsi e le masome mararo le bobedi.
Moeteledipele wa kereke eo mme Osentse Modipe o boletse mo potsolosong fa ba gwetlhilwe ke seemo sa mme mongwe wa leloko la kereke ya bone yo o neng a tshwenngwa ke go tsena mo setswalong mo go sa tlwaelesegang mme a tlamega go dirisa mesangwana kgapetsakgapetsa e a supileng fa gantsi e tlhokega fa a ile kokelong mme a felela a thusiwa ka ditlamelo tse gantsi di dirisediwang batsetsi.
Ke ka moo Mme Modipe a reng ba ne ba bona go le maleba go abela kokelwana ya motse wa bone mesangwana ya batsetse ka tsholofelo ya gore go ka tswa go na le mongwe a na le bothata jwa mothale o mme ba tshwanelwa ke go mo thusa.
O ne a tlhalosa fa ba ne ba kopa mme mongwe le mongwe mo kerekeng go tsisa mesangwana ya palo e ba ka e kgonang e le tsela ya go fitlhelela maitlamo a bone a go supa bopelotlhomogi mo setshabeng.
Mooki mo kokelwaneng eo Mme Ikanyeng Sepatlela o ne a lebogela maiteko a a supilweng ke ba Spring Water of Life, a supa fa mesangwana e e tlaa tswela ba le bantsi mosola.
O ne a ba akgolela maitemogelo a bone e le bomme ba thapelo ka ba kgonne go dirisa seemo sa mokaulengwe wa bone e le segakolodi mme ba gopole bangwe ka bone gore ba seka ba wela mo diphatseng tse ba kileng ba kopana le tsone.
Ka jalo o ne a ba leboga go menagane a bo a ba rotloetsa gore ba tswelele ka go thusa fela jalo ba bo ba tswelele e nne kereke e e bonwang ka ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : MOSWEU
Event : Potsolotso
Date : 05 Sep 2018



