Breaking News

Thuto ga se ya go bala fela

05 Sep 2018

E re ka go itewa letsogo go amanngwa le go nna mmantswitswidi, bangwe Batswana ba kaya fa go nna le kitso ya go itshetsa go sa akaretse fela thuto ya sekole.

Mme Getty Lebese wa Kumakwane, a re ke mongwe wa batho ba ntlo ya borutelo ba e lebetseng ba feta ka tsela, mme a kgona go itshetsa.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Lebese a re e ne ya re go lemoga fa a fetile sekole, a tswa ka leano la go itshetsa mme tiro ya diatla ya go roka dilwana di tshwana dibeke, kapari ya mmino wa setso ka matlalo ya nna yone e gaufi le pelo ya gagwe.

O ne a tlhalosa fa tiro eo a e ithutile kwa komponeng ya Kgalagadi Game Skin e e neng e direla kwa Gaborone e a neng a sale a e bereka ka bonana go fitlhela a e tlogela a simolola kgwebo ya gagwe ya Lebese Leather Works ka 2002.

O ne a supa fa a ne a thusitswe ka lenaneo la FAP go e simolola, mme a kaya fa e ne ya tsamaya tshipidi mme ya wela tlase ka ngwaga wa 2015 mme a kgona go e rudisa ka 2017, morago gago thuswa ke ba Gender Affairs ka madi aa ka tshwarang P90 000.

Mme Lebese a re seo se ne sa mo kgontsha go reka metshine e e rokang e le mene le didirisiwa tse dingwe jaaka matlalo le ditlhale mme a kgona go dira mo a rekiseditseng le dikolo dingwe kwa mafatsheng a tshwana le la Afrika Borwa. 

O supile fa tiro ya go roka matlalo e ka nna le dipoelo tse di bonalang fa e ka rotloediwa, mme a kaya fa a reka matlalo kwa Afrika Borwa ka jaana madirelo a a neng a reka mo go one mono e sa tlhole e dira.

Mme Lebese o ne a supa fa go bulwa ga kompone e e sugang matlalo kwa Lobatse jaaka puso e solofetsa, go ka mo solegela molemo ka jaana go le thata go bona matlalo a boleng mo basuging ba babotlana go bile go tura.

O ne gape a supa fa mo tirong ya gagwe ya go roka, a setse a gapile ditlankana di le mmalwa go tswa mo ditshupong le dikgaisanyo tse di farologanyeng tsa tiro ya diatla mme se ele ka thotloetso ya ba lelwapa.

O ne a leboga LEA kwa Molepolole go dira letsatsi la bagwebi mafelo a kgwedi nngwe le nngwe, a tlhalosa fa ba bona sebaka sa go rekisa dithoto tsa bone ga mmogo le go ipapatsa.

Mme Lebese a re bagwebi ba babotlana ba nna le sebaka sa go ipapatsa botoka ba le mo lefelong le bareki ba le etelang kgapetsakgapetsa, a supa fa le nako ya mafelo a kgwedi e ba baya mo tshiamelong ya go kgona go rekisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : KUMAKWANE

Event : Potsolotso

Date : 05 Sep 2018